Breaking News

Bagwebi ba mabentlele ba ja batlhoki ntsoma

22 Mar 2022

 Go jewa ntsoma ga Batswana ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ke bagwebi bangwe ba mabentlele a dijo go kailwe ele bosetlhogo. Se se builwe mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go sekaseka molao-motheo ka Labobedi ko motseng wa Pandamatenga.
Dibui ka go farologana di supile fa go ngomola pelo gore ere ntswa puso e leka ka bojotlhe go namola batho ba tshwana le bagodi, ba-na-le-bogole, batlhoki ga mmogo le masiela mo lehumeng go bo go santse go na le bagwebi bangwe ba ba folodisang maiteko a ka go tsietsa batho ba go nna jaana.
Mongwe wa banni ba Pandamatenga, Mme Kabahaza Simasiku o ne a kgala thata bosula joo a re go dira jalo go tsuulola ditshwanelo tsa Batswana ba puso e boneng go tshwanela go ba ntsha mo letlhokong le ba iphitlhelang ba le mo go lone.
“Batho ba modimo ba tsenyediwa madi mo dikarateng tsa Zebora (Zebra) mme bagwebi bangwe ba ba kgokgontshe ka go ba turusetsa dijo kgotsa sepe hela se ba se rekang. Selo se ke kgokgontsho go nne le tsone dijo tsa teng ga o di leba ga di lekane le madi a mophako a a ba a fiwang ke puso kgwedi le kgwedi,” a tlhalosa.
Ka jalo Mme Simasiku o ne a re molao-motheo wa lefatshe la Botswana o tshwanetse wa baya seemo se leitlho go kganela boferefere jwa go nna jaana.
O bile gape a re go botlhokwa go atolosa theko ya ba ba tlhokomelwang ke puso gore ba kgone go reka gongwe le gongwe ko ba eletsang go reka teng.
Molao-motheo go ya ka Mme Simasiku o tshwanetse wa tlama puso go tlhama lephata le le itebagantseng le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ebile le eteletswe pele ke mongwe-ka-bone. Mme Shabe Madubeko ene o ne a tlhalosa fa bagwebi ba go nna jalo ba tsaya batho b aba tlhokileng lesego ka letsogo la molema.
“Ha o botsa o tewa gotwe tsaya hela! O botsa eng? E be ke sala ke hakgametse ke tsaya dijonyana tseo ke bo ke tswa ke tsamaya,” a tlhalosa jalo. Rre Mevile Qwebe yo e leng mogodi o ne le ene a iteela kobo moroko kgang e, a tlhalosa fa e ba jesetsa mo kgobedung ele Batswana ba ba thusiwang ka mananeo a itshetso ke puso.
E rile mo phuthegong ya tshokologo e e neng e tshwaretswe kwa holong ya Pandamatenga ba Pandamatenga Allyship for Queer, ba eleng mokgatlho wa batho ba ba ratanang ka bong bo le bongwe ba kopa gore molao-motheo wa Botswana o ba leoge bone fela jaaka Batswana ba bangwe. Ba tlhalositse gape fa molao-motheo o tshwanetse go ba sireletsa mo kgethololong le kgokgontsho epe fela gore le bone ba tshele ka phuthulogo jaaka Motswana mongwe le mongwe.
Moemedi wa lekgotla le, Tebogo Majaye o ne a tlhalosa fa nako e gorogile gore molao-motheo o tshwanetse wa papamala wa rotloetsa ditshwanelo tsa botsogo le thuto.
A re karolo e ya thuto e tshwanetse ya gatelela ya ba ya tlotlomatsa thuto e e tseneletseng ka batho ba ba ratanang ka bong jo bo tshwanang mo dikolong, bodiredi ja dikokelo le sepodisi.
Moruti Itani Albert wa Disciples Church of All Nations ene o ne a kopa gore go tsenngwe ka fa molaong tsetlana e e ka lemogang botlhokwa ja kereke gore le fa go ka tlhagoga diemo dipe, kereke e seka ya tswalwa gore barapeledi ba nne le sebaka sa go rapelela setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : KASANE

Event : Presidential Commission of Enquiry

Date : 22 Mar 2022