Breaking News

Tsayang boikarabelo jwa botsogo jwa lona

22 Mar 2022

COVID-19  e gapile matshelo a batho ba le bararo mo bekeng eno, ba le babedi ba bone ba ne ba sa tsaya mokento fa a le mongwe ene a ne a tsere legato la ntlha la mokento.

Fa a ntsha tekodiso ka Mosupologo, mothusa mokwaledi wa lephata la Botsogo le Boitekanelo, Dr Tshepo Machacha o ne a gatelela gore Batswana ba tshwanetse go tswelela ka go tsaya mekento e beilweng gore ba tshabe bogale jo bo ka tlhagogang.

Dr Machacha a re balwetse ba le barataro ba robaditswe kwa sepateleng sa Sir Ketumile Masire.

O kopile Batswana go tsaya boikarabelo jwa matshelo a bone mabapi le bolwetse jwa COVID-19 le fa ntswa dipalo tsa jone di ile tlase.

Dr Machacha a re go wela tlase ga dipalo tsa balwetsi go supa gore mokento wa COVID-19 o na le seabe se setona go sireletsa kgatlhanong le bolwetsi.

A re mokento ga o na ditlamorago tse di tseneletseng, fa e se tsa nakwana fela.

O ne a tlhalosa gore jaaka lefatshe leno le tloga le tsena mo pakeng ya mariga, go botlhokwa gore Batswana ba tseye mekento ka go latelana ga yone, go tila bogale jo bo ka tlang ka paka ya mariga.

“Ga re batle go iphitlhela re le mo pakeng e tshwanang le ya ngogola” ga bua Dr Machacha, a kopa Batswana go sa nne maoto a tshupa mo tseyeng mekento kgatlhanong le mogare wa COVID-19.

Dr Machacha o ne a tlhalosa gore mokento wa COVID-19 o siametse botsogo jwa motho, a tlatsa ka gore lefatshe ka bophara le na le batho ba le makgolokgolo a dibilione a le matlhano (5billion) ba ba kentilweng, a re seo se supa gore go dirilwe ditshekatsheko ka mekento, mme ga supagala o tshepega go ka dirisiwa.

Ka jalo o ne a kopa Batswana go iketleetsa go tsaya mokento wa tlaleletso, a tlatsa ka gore bolwetse jwa COVID-19 bo borai.

Le fa go ntse jalo, Dr Machacha o ne a re lephata la Botsogo le Boitekanelo le na le maikaelelo a go dira dipatlisiso tsa gore ke eng Batswana ba le maoto a tshupa go tsaya mokento wa tlaleletso, a tlatsa ka gore ke sephatlo fela sa batho ba ba tsereng lomao la tlaleletso.

Mo dikganyeng tse dingwe, moemela mookamedi wa lephata, Dr Pamela Smith-Lawrence o ne a re puso e boetse morago dingwe ditshwetso kwa melelwaneng go tsamaelana le mafatshe a mabapi, mme go tsweletswe ka go sireletsa Batswana mo mogareng wa COVID-19.

Dr Smith-Lawrence o tlhalositse gore ba ne ba repisa ba lebeletse seemo sa mafatshefatshe, a re mafatshe mangwe a repisitse melao kgatlhanong le COVID-19, a re ka jalo ba a rotloetsa gore batho ba tseye lemao la tlaleletso.

O tlhalositse gape gore bogale jwa mogare bo sa ntse bo le teng, a re ba lebeletse lekhubu la botlhano, mme ka jalo a kopa Batswana go tsaya lomao go itshireletsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : Tekodiso

Date : 22 Mar 2022