Breaking News

Babadi ba kopilwe go dira tiro ka manontlhotlho

22 Mar 2022

Mothusa molaodi wa kgaolo ya Palapye, Rre Edison Malebane o kopile batho ba ba thapilweng go bala batho go dira tiro ya bone ka manontlhotlho.

Rre Malebane o dirile kopo eo fa a simolodisa letsholo la palo batho la kgaolo ya Palapye ka Mosupologo mo Palapye.

O ba kgothaditse go tshwara ka thata le go nna le boitshwaro jo bo amogelesegang mo setshabeng se ba yang kwa go sone.

O ba rotloeditse gore ba itlhokomele, gammogo le didirisiwa tse ba berekang ka tsone.

Rre Malebane o ne a ba  eleletsa katlego mo tirong ya bone, a re o solofela  gore baa go e dira ba bo ba e wetsa ba le mmogo go sena yoo duleng mo tseleng

Mothusa Molaodi wa ditlhabololo wa kgaolo ya Palapye, Mme Chendzimo Mokgopo o ne a tlhalosa ka tsa phiro ya babadi ba batho, ba  metse e e lesome le bosupa ya kgaolo ya Palapye, ka bangwe ba bone ba ne ba supa fa ba sa tlhaloganye  mokwalo wa phiro.

Morulaganyi wa tsa palo batho, Mme Lilian Baitsholetsi  o ne a tlhalosa fa ba ba direlang mo Palapye ba beetswe seelo sa go bala matlo a le lesome le boferabobedi, fa ba metse ele lesome le boraro ka letsatsi.

Mme Baitsholetsi a re ba tshwanetse ba rulaganya nako ya bone gammogo le go buisana le ba malwapa  ka bokopano (appointments).

O ne gape a re batshwanetse gore fa ba tsena mo motseng, ba ipege pele kwa kgotleng kana mo bogoging jwa one.

Mme Baitsholetsi o ba rotloeditse go tsamaya ba le ditlhopha ka ebile kgaolo e itemogela tlhaelo ya dipalamo.

Fa a bua ka tsa  itshireletso, Mogolwane wa Mapodisi a Palapye, Superintendent Mokopi Nawa o ne a ba kgothatsa go tlhokomela didirisiwa tsa bone.

Superintendent Nawa o ne gape a ba kopa go fokotsa mesepele ya bosigo, le gore  gape ba seka ba ya maitisong ka di dirisiwa tsa tiro.

A re  go botlhokwa gore ba bereke thata motshegare gore maitseboa ba bo ba weditse tiro ya bone, a solofetsa fa basepodise ba tlaa bo ba ntse ba kgabola gaufi le bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : Palo batho

Date : 22 Mar 2022