Monna o atlholetswe dingwaga tse lesome le botlhano
22 Mar 2022
Monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi wa motse wa Nokaneng, o atlholetswe dingwaga tse lesome le botlhano mo kgolegelong ka molato wa polao.
Mosekisiwa Gothusang Mokwaipo wa kgotla ya Mbanderu kwa Nokaneng, o ne a lebisitswe molato ole mongwe wa go bolaya Rre Joseph Twaimango, yo eneng ele tsala ya gagwe, ka kgwedi ya Mopitlo ka 2016.
Fa a ntsha katlholo bosheng, kwa kgotleng e tona ya Maun, Moatlhodi, Professor Bugalo Maripe o ne a re lekgotla le atlholetse Mokwaipo dingwaga tse lesome le botlhano ka go na le mabaka mangwe a a dirileng gore mosekisiwa a dire molato.
Prof. Maripe a re Mokwaipo o ne a tenega ka go bo tsala ya gagwe a ne a gana go mo rekela bojalwa jaaka e ne ele tumalano ya bone ya go reka ka madi a a kanang ka P20 a ba neng ba a dirile letsatsi leo.
Lekgotla le tlhalositse fa e ne ya re bobedi joo bo omana, monnawe moswi le moswi ba ne ba kopanela Mokwaipo, ba mmetsa mme a ineela, a ba a boela kwa lwapeng la gagwe. A re mme morago mosekisiwa a tla ka motsu wa Sesarwa, mme a hula Twaimango yo o feletseng a tlhokafala.
Moatlhodi o ne a tlhalosa fa polao ele molato o o masisi ka o gapa botshelo, ebile a re dipolao tse di bakiwang ke tiriso ya didirisiwa tse di bogale di a tshwenya, ebile makgotla a tshwanetse go ntsha kotlhao e e tsisang kgalemo.
O ne a re lekgotla le ne la rekegela go re mosekisiwa o ne a ipona molato se se supa boikotlhao gape ene ele lantlha a dira molato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 22 Mar 2022