Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa tshenyo ya megala

22 Mar 2022

Mapodise a Tshane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, koporase ya motlakase e haladitsweng megala ya kopore e e kganelang legadima (earth cables), e le lesome le bosupa kwa Lokgwabe bosheng.

Mookamela mapodise a Tshane, Superitendent Vusimuzi Jorowe, o tlhalositse fa tiragalo eo, e begilwe ke monni mongwe wa motse morago ga go lemoga fa go nnile le tshenyo mo paleng ya motlakase gaufi le lelwapa lwa gagwe.

A re ba ne ba itshwaraganya le ba koporase ya motlakase mme ya re ba dira ditshekatsheko ba lemoga fa go setse go gopetswe dipale dingwe tse di ka tshwarang lesome le borataro.

Ramapodisi a re go lebega fa manweenwee a simolotse mofuta o moshwa wa go kgaola megala mo dipaleng tsa motlakase ba sa tlhole ba e kgaola kwa mantlung jaaka ntse e le tlwaelo.

Le fa go le jalo, Supt Jorowe a re tiragalo eo, ke ya ntlha go gatisiswa mo kgaolong ya bone ya sepodisi.

A re ditlhotlhomiso di tsweletse, mme ga ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo.

O kopile setshaba go ba loma tsebe fa ba ka utlwalela moshwadile mongwe ka megala eo.

O ne a rotloetsa setshaba go nna matlho a puso go boloka dithoto gammogo le matshelo a setshaba ka go bega dikgang tsa tshenyo nako e sale teng.

Mo go tse dingwe, o ne a supa fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa go dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo ga bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase.

A re se se ngomolang pelo, ba itemogetse gore bana bao, ba dirisiwa botlhaswa ke ba masika ba ba tlogetsweng mo tlhokomelong ya bone.

A re ba setse ba gatisitse kgetsi tse pedi tsa bana ba basetsana ba ba setseng ba tlogetse sekolo ka ntata ya dikgang tseo.

A re mosetsana yo mongwe o ne a dira lokwalo lwa borataro fa yo mongwe a ne a le mo mophatong wa bobedi.

Ka jalo, o ne a kopa batsadi gore fa ba tlogetse bana le bangwe ba masika, ba netefatse gore ba a ba tlhola kgapetsakgapetsa le go ba rekela tsotlhe tse di botlhokwa tse ba di tlhokang.

A re go dira jalo, go tla thusa gore ba seka ba okisiwa  ka go rekelwa dithoto dingwe ka ntata ya gore motsadi ga a di tlise ka nako e e maleba, mme ba felele ba ineelela go dirisiwa botlhaswa gore ba tle ba kgone go tlamelwa. BOKHUTLHO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : HUKUNTSI

Event : Potsolotso

Date : 22 Mar 2022