Breaking News

Ba batla koketso ya phimola keledi

21 Mar 2022

Phimola keledi e e newang balemi morago ga go senyediwa ke diphologolo tsa naga e tshwanetse ya okediwa. Se se builwe ke Mme Mwaaka Matengu yo e leng monni wa Plauteau mo potsolotsong le BOPA jaaka lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go seka-seka molao-motheo le ne le simolodisa motseletsele wa diphuthego mo kgaolong ya Chobe beke eno. Mme Matenge yo o dingwaga tse di masome a marataro le botlhano a re go botlhoko go lema mme ere morago molemi a tswe a iphotlhere ka lebaka la diphologo. 

“Go lema go botlhoko mme go nna boima le go feta fa jaanong puso e go phimola keledi ka matsana a a ka se keng a go kgontshe go duela ditshenyegelo tsotlhe tsa go lema,” o ne a tlhalosa. A re molao-motheo o tshwanetse go tlama puso go duelela mo go feletseng ditshenyegelo tsotlhe tsa molemi. 

Mme Matengu o tlhalositse gape fa a tshwentswe ke diphologolo tse di sailang mo metseng e tshwana le bo Kasane mme di baka tshenyo mo malwapeng le gone go bolaya tota. A re molao-motheo o tshwanetse o patike puso go laola dipalo tsa diphologolo go hema seemo se a reng se bifela pele. “Diphologolo di dintsi fela thata. 

Ka na dikolobe re nna natso mo malwapeng, dikolobe ke tsone dintsa jaanong tse di tshololang dithini tsa matlakala di e ja magobe. Batho ba tlile go nyelela ha seemo se se sa tlhokomelwe ka go nne diphologolo jaanong di atile fela thata,”a tswelela ka go tlhalosa. Mo kgannyeng ya polao ya motho, Mme Matengu a re thulaganyo ya nako e no ya go kaletsa badira molato e tlhamaletse fela ga ena molato. 

“A go kaletswe kana ke selepe a se lele!Ngwana mongwe le mongwe o imiwa ke motsadi wa gagwe Ga gona ngwana yo o selwang mo tseleng,” a bua, a sa kgwe mathe. 

O kgadile thata thulaganyo ya nako eno e badira-molato ba letlelelwang go letela tsheko ba le ko ntle a re ga e a siama. 

Go ya ka ene ope fela yoo lebanweng ke molato wa polao ya motho o tshwanetse le ene a tseelwa botshelo mo lebakeng le le sa feteng ngwaga. 

A re go katela badira-melato ba go nna jalo ka toronko ba fiwa dijo ba bo ba tsenngwa le dikolo go ngomola pelo e bile go lere khutsafalo e kgolo mo batsading le masika a motho yo ene a tlaa bong a gapetswe botshelo. 

Mme Christina Abel yo e leng monni wa Kasane mo kgotleng ya Botshabelo o ne a dumalana le Mme Matengu ka kgang ya polao a re motho fa a bolaile yo mongwe o tshwanetse le ene a bolawa. “Ga a ka seke a bolawe motho wa go nna jalo o felela a baka dipolao tse dingwe gape. Ke gore a tsamaye fela,” a tlhalosa. 

Rre Ndebele Dalton yo o e leng monni wa Kasane ka kgwebo mme a tlholega ko Chadibe, ene o ne a nna sebete se molangwana ka kgang ya polao. O ne a re: “Ke mang o o nang le tshwanelo ya go bolaya motho yo mongwe. 

A go batiwe tharabololo tse dingwe jaaka go atlholela modira molato toroko.” Le fa go ntse jalo Rre Dalton a re ba ba ba lebisitsweng molato wa polao ba tshwanetse ba seka ba letlelelwa go letlelela tsheko ba le kwa ntle ka ba ka tloga ba dira melato e mengwe jaaka go ikgapela matshelo kgotsa go gapa matshelo a mangwe gape. 

Rre Dalton wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro o boleletse BOPA gape fa nako e gorogile ya gore molao-motheo o sireletse baji-bareki mo ditlhwatlhweng tse a reng di ile ko godimo thata. Puso go ya ka ene e tshwanetse ya dira molao wa taolo ya ditlhwatlhwa go re seemo se se bepe. 

Rre Kagiso Siamang ene o ne a kgala borre ba ba betelelang bana a re molao o tshwanetse wa ba gagamaletsa setoropo. 

“Nna kgang ya batho ba ba betelelang bana ka re ba fagolwe gongwe ke gone seemo sa teng se ka ritibalang go nne ha ba isiwa toronkong hela ba bowa gape ba betelela ba bo ba gololwa. 

Ya go bolaya ga ke tsamaisanye le yone re palo potlana re le lefatshe,”a tlhalosa. 

Mo go ya polao, Rre Siamang a re fa motho a bolaile a kaletswe jaaka go ntse go dirwa mme karolo ya gore motho a letlele tsheko a le ko ntle e phimolwe. 

Rre Karabelo Ngele ene o ne a re o eletsa gore molao-motheo o sireletse dikgwebo tsa banana, ba a reng ba dipalo dintsi ebile ba sena ditiro. BOPA

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : KASANE

Event : Presidential Commission of Enquiry

Date : 21 Mar 2022