Breaking News

Botswana o tsanya betsi ba batswakwa ka la molema

21 Mar 2022

Molao wa Botswana o tsaya batswakwa ba ba nyetsweng mono ka letsogo la molema. Seno se builwe ke Emmah Samson, yo a neng a bua mo boemong jwa bomme ba batswakwa ba ba nyetsweng ke Batswana, fa a ne a rolela lekoko le le tlhomilweng ke tautona go goga kwa tlhogong tshekatsheko ya molao-motheo mogopolo ka Mosupologo. Mme Samson ne o ne a kopa gore tshekatsheko ya dikopo tsa boagedi e khutshwafadiwe e bo e fefosiwe go letla bomme bao go aga malwapa a bone ka phuthologo. 

O itsisitse lekoko fa go tlhoka boagedi ga bone e le betsi ba ba tswang kwa mafatsheng a mangwe go ba ketefaletsa botshelo ka go tlhoka Omang ga bone go sa ba letle go ka dira sepe sa itshetso. “Re fiwa diteseletso tsa go nna mono ka nakwana, mme mo go tsone go papametse gore ga re a tshwanela go dira sepe fela se se ka re fang letseno. Se se raya gore ga re kgone go thusa banna ba rona go tlamela malwapa a rona ka re sa letlelelwe go dira sepe se se tsenyang madi,” o ne a tlhalosa jalo. 

Mo ntlheng e nngwe o ne a kopa gore go sekasekwe dituelo tse ba di lopiwang mo dikokelong fa ba tlhoka kalafi. A re ditlhwatlhwa tsa go belega tsone di ba kokonela go feta selekanyo ka di le kwa godimo thata. “Mo lenyalong mosadi o solofelwa gore a tshole bana, mme rona fa re dira jalo re iphitlhela re lebanwe ke kgwetlho ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo. Se se botlhoko mo go rona ka re sa kgone go thusa banna ba rona go kokoanya madi a a batliwang ao ka re sa letlelelwe go dira letseno ka tsela epe,” a bua jalo. 

Go le jalo mokgatlho wa batlholagadi wa motse wa Kasane o ne a kopile gore ditshwanelo tsa batlholagadi di akarediwe mo molao-motheong. Bomme bao ba boletse fa ditshwanelo tsa bone di sa sireletsega, mme seo se ba baya mo diphatseng tsa go sa tsewa sentle. 

Moemedi wa bone Mme Gladys Motho o tlhalositse fa ba eletsa gore molao o sireletse tshwanelo ya bone ya go ja borre ba bone boswa le fa ba tlhokafetse ba sa dira mekwalo ya gore dithoto tsa bone di phatlaladiwe jang. A re molao o tshwanetse gape wa iletsa masika a ga rre kana ope fela go ka tsaya sepe sa moswi, mme ope yo o ka fitlhelwang a dira jalo a tseelwe dikgato tse di gagametseng tsa semolao. 

Go sale foo, a re tshwanelo ya bone ya go nna le bonno e tshwanetse ya dibelwa ka fa molaong go itsa ditiragalo tse bangwe ba bone ba kobiwang mo malwapeng morago ga go tlhokafalelwa ke banna. 

Mme Motho o ne gape a kopa gore molao o iletse thulaganyo ya seyantlo, a bolela fa e tsuolola ditshwanelo tsa batlholagadi, a re go tshwanetse gape ga tlhomamisiwa gore tumelo le ngwao ga di dirisiwe go ba gatelela ka tsela epe. 

Mme Onale Lebala wa mokgatlho wa banana wa Chobe Rainbow Collective Support Group ene o ne a kopa gore ditshwanelo tsa batho ba ba tlhakantseng bong (transgenders) le ba ba ratanang ka bong jo bo tshwanang di sirelediwe kgatlhanong le go gatakwa. 

A re molao o tshwanetse wa iletsa kgethololo ya motlhale ope ya batho ba go nna jalo. Mo boemong jwa Chobe Community Rehabilitation Centre, Rre Mpho Sibanda o ne a kopa tshireletso ka kakaretso ya ditshwanelo tsa ba-na-le bogole. 

A re go maleba gore molao o tsepame o bo o papamale mo go dibeleng ditshwanelo tsa bone e le ba-na-le bogole gore le bone jaaka ba le bontlha bongwe jwa setshaba ba seka ba tsewa ka tsela e e pharologanyo. 

Rre Sibanda a re lefatshe la Botswana le tshwanetse la ikamanya la bo la diragatsa ka botlalo melawana ya lekgotla la ditshabatshaba ya ditshwanelo tsa ba-na-le bogole, seo a re se ka dibela ditshwanelo tsa bone sa ba sa ba nolofaletsa le mabaka a botshelo. BOPA

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : KASANE

Event : Presidential Commission of Enquiry

Date : 21 Mar 2022