Breaking News

Go lwela maemo go ka baka kgokgontsho

21 Mar 2022

Go lwela maemo a gore tlhogo ya lelwapa ke mang gareng ga borre le bomme go na le seabe mo dikgannyeng tsa kgokgontsho. 

Moeteledipele wa Mega Mining Equipment Sales, Mme Tshepiso Mopipi, o buile se, ka matlhatso morago ga mabelo a dibaesekele a maikaelelo a one, e neng ele go lwantsha kgokgontsho ya bong.

Mme Mopipi o supile fa dipalo tsa kgokgontsho di ne tsa ya kwa godimo ka bokete jo bo gakgamatsang ka nako ya kiletso mesepele e e bakilweng ke bolwetse jwa COVID-19.

O ne a supa fa dikai tsa kgokgontsho di akaretsa go itseela dikobo ka dikgoka, go itaya kana go lwantsha batho fa go sa dumalanwe ka megopolo, ga mmogo le go kgokgontsha ba bangwe ka dipuo le ka ditiro.

Mme Mopipi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa kgokgontsho ya bana e akaretsa go dirisiwa botlhaswa, kana ba sa tlhokomelwe mo malapeng, go ketekwa mo go feteletseng go dirwa ke batsadi.

O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go ruta bana ba basetsana go ikemela, a supa fa go baya thata mo tlhokomelong ya borre go ka baka kgokgontsho.

Mme Mopipi o ne a supa fa go le botlhokwa thata gore batsadi ba rute bana ba bone ka dikgang tsa kgokgontsho mo malwapeng, ka thuto e le botlhokwa.

Moeteledipele o ne a tlhalosa fa dikompone di tshwanetse tsa ema ka dinao go lwantsha kgokgontsho ya bong mo ditirong.

Mme Mopipi o supile fa kwa komponeng ya Mega Mining bomme ba feta borre ka dipalo.

Modulasetilo wa khansele potlana ya Boteti Rre Molemi Galeragwe a ne a akgola barulaganyi ba mabelo ao a dibaesekele, a tlhalosa fa seo se tlaa thusa go tlisa pharologanyo mo setshabeng sa Boteti. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Thandy Tebogo

Location : LETLHAKANE

Event : Potsolotso

Date : 21 Mar 2022