Breaking News

Seabe sa bomme se botlhokwa

21 Mar 2022

Bomme ba ba nang le bokgoni ba tlhoka go tsena mo maemong a boeteledipele, go nna le seabe mo itsholelong ga mmogo le mo dikerekeng.

Se, se boletswe se le botlhokwa mo go bopeng setshaba ga mmogo le go etelela dikereke.

Fa a baya mme  Juliah Tayane wa kereke ya Halleluyah mo maemong a boruti ka mafelo a beke, Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semoya la OAIC Rre Tebogo Motlhagodi a galaleditse bomme ba kereke eo kwa Selebi Phikwe go bo ba nnile pelokgale ka go tsena mo maemong a a tswang kgakala a tshwerwe ke borre. 

Moruti Motlhagodi o tlhalositse fa lefatshe leno le tlhoka bomme ba ba nonofileng mo tirong ya go direla Modimo ba  tshwana le Moruti Tayane go tshwaragana le puso go aga lefatshe.

A re bontsi jwa batho ba gateletswe ke maikutlo, selo se se befisitsweng ke COVID-19.

Moruti Motlhagodi o supile fa go nametsa pelo go bona bomme ba tsweletse ka go supa bokgoni mo ditirong tsa maemo a a kwa godimo tsa boeteledipele mme a rotloetsa borre go tswelela ba ba ema nokeng.

Go tlhomiwa ga ga Moruti Tayane, yo o tlhophilweng go nna moeteledipele wa bomme lefatshe la Botswana ka bophara kwa lekgotleng la OAIC, go tla  morago ga gore lekgotla le bone bokgoni jwa gagwe.

O ne a ba kgothatsa go tswelela ba ema bomme nokeng,  a supa  fa phoso e dirwa ke motho mme e tshwanetse go rarabololwa ka Kutlwano go tlisa kagiso, a tlatsa ka gore se ka bo sone se ka fokotsa dikgang tse di bakang go thubega ga dikereke.

Rre Motlhagodi o supile fa Moruti Tayane a sena molekane fa a bua ka ditshwanelo tsa bomme segolo jang a itebagantse le kgokgontsho e e diragalang kwa malwapeng.

O ne a re nako e tsile ya go nna le bomme ba modimo kwa sepolotiking go diragatsa  maitlamo a lefatshe mme ba itebagantse le tse di amang bomme le bana.

Mookami Motlhagodi a re le ntswa ba itumelela dilo dingwe mo lekgotleng, go santse go na le tse di tlhokang go sekwasekwa di tshwana le ditsetlana dingwe tsa molao motheo wa dikereke.

Le fa go ntse jalo o ne a ba kgothatsa go bopa megopolo ya bone e le dikereke gore le bone ba nne le seabe mo tshekatshekong ya  molao motheo jaaka lekokoko le tsweletse ka go tsamaya le tsaa megopolo mo setshabeng.

 Erile a tswa la gagwe Archbishop Kemmonye Motswetla wa kereke ya Halleluah o ne a kgothatsa Moruti Tayane go ya go tsweledisa se a ntseng a se dira go godisa lekgotla la OAIC.

O ne a mo gakolola fa go bereka le batho go se motlhofo mme o ka kgona fela fa a ka tswelela a ikaegile ka modimo.

E rile a amogela thomo Moruti Tayane o ne a supa fa a amogela thomo ka nako e thata e batho ba gateletsweng ke maikutlo ka ntata ya bolwetse jwa COVID-19, letlhoko la ditiro, lehuma le le apesitseng bomme le dipolaano tse di amanang le marato.

A re go gontsi mo go tlhokang go dirwa go itebaganya le dikgang tsa go nna jaana mme go tlhoka kemo nokeng ya botlhe, a tlatsa ka gore tiro ya gagwe ke go bereka le bomme go dira  pharologano mo matshelong a batho.

A re nako e gorogile ya gore bomme ba tshegetsane go thusana ka bontsi jwa bone e le bone ba rweleng mokgweleo wa go tlhokomela malwapa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Potsolotso

Date : 21 Mar 2022