Kgosi Toto o rotloetsa tshomarelo ya setlhatshana
21 Mar 2022
Kgosi David Toto II wa Tsabong a re setlhatshana sa mositsane se se dirisiwang go suga matlalo se tshwanetse sa somarelwa ka se ka thusa go tlhama ditiro.
Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Toto II a re kgaolo ya Kgalagadi e humile setlhatshana seo se gape se dirisiwang e le molemo mo bathong le mo leruong. O tlhalositse gape gore diphologolo le diruiwa bogolo jang dipudi di ja matlhare a setlhatshana seo.
A re se tswa goo lowe se dirisiwa mme ebile se le se ntsi mo Kgalagadi.
Are fa se ka simolola go dirisiwa ka bokete se ka thusa go somarela tikologo ka gore gongwe le gongwe fa se tswang teng se kgona go hekeetsa bojang go tswa ka jalo fa se epiwa ka thulaganyo go na le kelelelo se ka thusa gore dimela tse dingwe di seka tsa nyelela bogolo jang mefuta mengwe ya bojang.
Kgosi Toto II a re e re ka jaanong matlhabelo a Tsabong a agiwa, basugi ba matlalo ba tshwanetse ba ithulaganya gore ditsatlholego tse di tlaa dirisiwang di tshwana le setlhatshana sa mositsane di tlaa somarelwa jang.
O tlhalositse gore batlapele ba ne ba dirisa segwere sa mositsane, mafura le boboko jwa diphologolo go suga matlalo. Ka jalo a gakolola gore matlalo a a tlaa tswang mo matlhebelong ao a somarelwe mme banana ba tswe ka metlhale e e tlhabologileng go suga matlalo ka matlhabelo a tlaabo a le gaufi le bone.
Are mo dinakong tseno, fa go dirisiwa seelo sa mafatshe-fatshe tiriso ya matlalo e tokafaditswe ka go dirwa dithotho tse dintle fela thata, tsa tlhwatlhwa le boleng jo bo kwa godimo tse Batswana ba tshwanetseng ba ithulaganya go di ntsha ba dirisa ‘ditswakgomong’ di tshwana le matlalo go tlhama mebereko.
Mosugi wa matlalo yo o itsegeng thata mo Tsabong Rre Kesotlegile Tsholofelo a re o ikemiseditse go ruta mongwe le mongwe yo o eletsang go tsena mo kwebong eo gore dikokomane tse di tlang di kgone go anywa botsipa jwa matlalo jo ene a bo tsereng mo go moswi Rraagwe le moswi malomaagwe.
A tlhalosa jalo gore go suga matlalo ke tiro e e bogadi bo gaufi mme ebile jaaka fa matlhabelo a Tsabong a agiwa tiro eo e ka tlhamela Batswana ditiro.
“Ke ne ke bereka pele mo lephateng la dikago mme ka tlogela tiro go itebaganya le kgwebo ya go suga matlalo. Fa moreki a sena madi o kgona gore a ntuele ka podi,” a tlhalosa.
E re lentswa e le bogadi bo gaufi a re tiro eo ke namane e tona ya tiro ka jalo motho o tshwanetse a bo a ikiteile sehuba.
“Ke tiro e e bokete thata mme e bogadi bo gaufi ka bana ba ka seka ba lala ka tlala,” a tlhalosa.
Rre Tsholofelo o dira diphate a bo a di rekisa, mme gape o dira ditweega tsa ditonki, disale, dileisele, le mabante dithoto tse bontsi jwa banni ba motse oo ba di rekang mo go ene.
A re o setse a rutile bangwe mme o eletsa go tswelela a phatlalatsa thuto eo gore e seka ya latlhega. O tlhalositse gore mo nakong eno basugi ba matlalo ba reka kalaka e e dirilweng kwa mafatsheng a sele kwa Gaborone.
A tlhalosa jalo gore kalaka e ntsha boboa mo letlalong, “Go kile gabo go na le borre bangwe ba le bararo ba ba neng ba itse go e dira mo Tsabong boora Matswiri, Mmereki, Tebele mme jaanong ba tlhokafetse, ba ile ka kitso eo jaanong re reka kwa Gaborone.”
“E rile Rre Mmereki a tshwanetse go nthuta go dira kalaka a bo a tlhokafala ka a ne a setse a godile” a supa jalo gore o tlhokafetse a ntse a e dira mme ene o ikaelela go ruta ope fela yo o eletsang go ithuta gore a jwale peo ya tshugo ya matlalo e se re gongwe ya latlhega.
Rre Tsholofelo tlhalosa gore o tsenya letlalo la kgomo kgwedi mo teng ga mositsane fa la sehutshane le tsaya beke tse pedi fela mo teng ga mositsane le bo le setse le bodule.
O gateletse botlhokwa jwa go sireletsa setlhatsana sa mositsane.
Are ditsatlholego di tshwana le mositsane di botlhokwa fela thata mo tshugong ya matlalo ka e babalela tikologo go na le go dirisa metswako e e borai (harmful chemicals) mo tikologong.
O tlhalositse jalo gore fa ba fetsa go dirisa mositsane oo mo tshugong o ka dirisiwa go dira manyoro kana menontshane mo masimong.
Are mmaraka wa matlalo o montsi ka bangwe ba a reka kwa Gaborone go a rekisa kwa ntle fa bangwe ba dira dithoto ka one.
“Fa ke le sugile sentle, letlalo la boleng jo bo rileng la kgomo le ke le rekisa P2 000 mme mo tshugong ke kgona go a tsenya a le supa mo mositsaneng nako e le nngwe mme a tsaya kgwedi go butswa,” a tlhalosa.
Rre Tsholofelo are ditomo tsone di ja P800 e le nngwe mme ebile theko e a nametsa. O tlhalositse gore banana ba ka itirela botshelo ka go suga matlalo ka go dira jalo go mo tshedisitse melatswana ebile a kgonne go bora didiba tse di nosang leruo la gagwe ka madi a go suga matlalo fela.
“Fa matlalo a sugilwe sentle a beilwe mo ntlung madi a tsena nako nngwe le nngwe,” a tlhalosa.
A re banana ba tshwanetse ba tsaya tiro ya go suga matlalo ka tlhoafalo ka ga e kake ya itsa motho go bereka ditiro tse dingwe, a tlatsa ka gore ene o simolotse tiro eo a ntse a bereka mme a felela a tlogela tiro fa a bona a kgona go dira madi a mantsi mo nakong e khutshwane.
Mme mongwe yo o sugang matlalo kwo motseng wa Maubelo, Mme Tumisang Ngwanathebe o inaakantse le go suga matlalo a dirisa metlhale e e tokafaditsweng ya go dirisa setlhatshana sa mositsane.
O kgona go se dirisa se le metsi kana a se sila se bo se nna bopi.
Mme yoo o sa tswa go sireletsa tlhamo eo ya gagwe (patent) ngogola mme e bile o ipaakanyetsa go atolosa kgwebo ya gagwe go rekisa boupi jwa mositsane kwa go ba Lobatse Leather Park le kwa ntle.
Mme Ngwanathebe o supile fa a sireleditse mositsane o o boupi ngogola a sireletsa kitso ya ditsatlholego e a nang le yone gore basugi ba kgone go o dirisa ba sa tlhoke go simolola ba ya go epa.
O tladitse gape ka gore o sa tswa go o sireletsa e le Motswana ka mositsane e le dingwe tsa dibapalwa nageng tse di tswang monogae mme di tlhokana le gore mo seraleng sa mafatshe-fatshe di bonale gore di tswa mo lefatsheng leno.
Ka jalo o tlaa simolola go dikologa le metse le metsana go kopa banni ba metse go bapala mositsane mme ene a bo a o reka mo go bone go ya go o sila go rekisa mo gae le kwa ntle ga lefatshe leno, selo seo a reng se tlaa thusa go tlhamela banni ba Kgalagadi ditiro. ENDS
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 21 Mar 2022