Bomme ba abetswe metshini e e rokang
20 Mar 2022
Setlhopha sa bomme ba le lesome kwa Tshimoyapula se abetswe metshini e e rokang ke ba Chevening Alumni Association of Botswana (CHAABO).
CHAABO e abetse bomme ba metshini e le mebedi ya madirelo (industrial sewing machines) le o monnye o le mongwe (domestic sewing machine), gammogo le matsela.
Fa a rola metshini, leloko la CHAABO, Mme Wetsho Mosokwe o supile fa e le baithuti ba ba tseneng sekole kwa England mme yare ka 2016 ba simolola mokgatlho wa baithuti ka thotloetso ya ga Dr Obakeng Sethamo yo le ene e neng e le moithuti mme a tlhokafala kgwedi ya Sedimonthole ngogola.
A re fa Dr Sethamo a tlhokafala, o ne a setse a kopane le setlhopha sa bomme ba mme a ba kopela madi a metshini e e rokang golo gongwe ka a ne a itse se ba se batlang. A re ba ne ba bona go tshwanela gore ba ba rolele metshini eo.
Mme Mosokwe a re mokgatlho wa bone o dirile ditiro tse dintsi tshimologong ya o ne mme mosimolodi wa o ne a sa bolo go direla mo lefatsheng leno, e ne e le moitseanape o motona mo go tsa thuthafalo ya lefatshe.
A re fa Dr Sethamo a tlhokafala o ne a setse a dirile moalo wa gore mokgatlho wa CHAABO o tsamaisiwe jang.
O rotloeditse bomme go tlhoafalela tiro ya bone ya go roka gore ba itshetse a bo a solofetsa fa ba tlaa ba kopela dithuso kwa LEA, go rutuntshiwa mo go tsa kgwebo.
Kgosi Dikgang Motsumi wa kgotla ya Loso kwa Tshimoyapula, o rotloeditse bomme go dirisa metshini go intsha mo lehumeng ka go rokele baithuti le banni ba motse.
Leloko la mokgatlho, Mme Gabankgathe Kemiso o lebogetse metshini, a supa fa Dr Sethamo a ba diretse tiro e tona.
A re pele ba buisana, o ne a na le kakanyo ya go adima madi go reka metshini mme Dr Sethamo a mo kopa gore ba nne setlhopha gore a ba kopele dithuso, pheletsong a e ba rekela.
A re se se tlaa ba gwetlha gore ba itirele ebile ba batle lefelo le ba ka rokelelang kwa go lone.
O ne netefaletsa CHAABO fa ba tlaa tsaya tiro ya bone ka tlhoafalo mme ba intshe mo lehumeng.
Mme Kemiso o kopile banni ba Tshimoyapula go ba rotloetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : TSHIMOYAPULA
Event : Kabo mpho
Date : 20 Mar 2022