Breaking News

Lenaneo la Ipelegeng le seka sekelwa go tokafadiwa

20 Mar 2022

Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla a re lenaneo la Ipelegeng le a seka sekwa go bona gore le ka tokafadiwa jang.

Mme Monnakgotla o boletse mo phuthegong ya kgotla kwa Betesankwe bosheng, fa maikaelelo a tshekatsheko eo gape ele go bona gore badiri ba Ipelegeng ba ka thusiwa jang ka dithuto, gore ba tle ba tsoge ba itshetsa botoka.

Mothusa Tona, yo o neng a le mo lenaneong la lephata la gagwe la go lekola sechaba, a re ka jaana letlhoko la ditiro le ile magoletsa, mme ebile go lemogesegile fa batho ka bontsi ba itshetsa ka Ipelegeng, bogolo jang banana le bomme, lephata le ikaelela go rutuntsha badirisi ba lone gore ko bofelelong ba kgone go itlhamela ditiro.

Mme Monnakgotla gape a re puso e tsile ka molao wa go akaretsa Batswana botlhe mo tsamaisong ya itsholelo ya lefatshe la bone.

“Ka ntlha ya se, puso e tsere tshwetso ya gore madi le ditlhabololo tsa dikgaolo, a ofisi ya Mopalamente a neelwe beng gae, ele nngwe ya maiteko a go leka gore ba kgone go itshetsa le go tokafatsa itsholelo ya bone”.

Mo go tse dingwe, o ne a rotloetsa banni ba Betesankwe go dirisanya sentle le batho ba ba romilweng go bala batho.

O tlhalositse go le botlhokwa gore mongwe le mongwe a balwe ka gore puso e lebelela thata dipalo tsa batho fa e tsaa ditshwetso tsa go dira ditlhabolo.

Mme Monnakgotla a re jaaka ele mothusa tona, ebile ele motsadi, maitlamo a gagwe ke go tlhomamisa gore bana ba ja sentle mo dikolong, le go sekaseka gore baboipelego ba thusa sentle, le gone gore bagodi ba bona dituelo tsa bone sentle.

O ne gape a akgola komiti ya ditlhabololo tsa motse, a re fa ba tswelela ba thuse thata go dira ditiro mo motseng, mme a rotloetsa banni go ema komiti nokeng.

Mme Monnakgotla o ile gape a rotloetsa banni go tswelela ba dirisa mananeo a puso a a leng teng ka go farologana go itshetsa.

Fa a ntsha pego ya komiti ya motse ya ditlhabololo, Mothusa Modulasetilo, Rre Boikhutso Gafiwe, o ne a re ba lebogela leeto la ga mothusa tona, a supa fa lo tlaa tsisa diphetogo mo matshelong a bone.

O ne gape a lebogela ditlamelo, mme a re ba ofisi ya boipelego ba lela ka letlhoko la koloi, a supa fa ba thusiwa ke ofisi ya Sese.

O kopile gore morafe o thusiwe ka lefelo la itloso bodutu, a supa fa lefelo leo le ka ba thusa ka ditsela tse dintsi, ebile le ka tsisa diphetogo tse mo morafeng le ditsela tsa go itlosa bodutu.

Rre Gafiwe o ne a lela ka letlhoko la metsi mo motseng,  a re gompieno ba thusiwa ke ba moepo wa Jwaneng, ka nako e ba kgonneng, mme a kopa puso go ba baakanyetsa sediba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : BETESANKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Mar 2022