Breaking News

Tlotlang magosi a pele

20 Mar 2022

Mongwe wa mabutswapele kwa Toteng, Rre Gaoepe Kentshitswe o kopile bogosi jwa Goo-Tawana go tlhokomela lebitla la kgosi wa pele wa Batawana, Kgosi Letsholathebe I, yo fitlhetsweng kwa Toteng ka 1846.

A re Kgosi Letsholathebe o dirile ditso ka Batawana ba tlholegile kwa Toteng pele ga ba ya go thibelela kwa Maun mme a gatelela botlhokwa jwa go tlhompha motse oo ka o humile ditso tsa Batawana.

Rre Kentshitswe o dirile kopo eo mo phuthegong ya kgotla jaaka lekoko go tswa kwa bogosing jwa Goo-Tawana le ne le ile go lekodisa morafe fa phathla ya kgosi ya bone e tlaa thibiwa mo bogaufing.

Phatlha eo, e bulegile morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Kanatje Kandapaera ka 2020.

Rre Kentshitswe a re o tshwenyegile ka bogosi bo latlheletse lebitla la kgosi ya bone, le a reng le fetogile sekgwa ka ditlhare di le hupeditse.

A re mo pakeng tsa maloba, bogosi bo ne bo kopa pula kwa lebitleng leo fa go le leshekere mme e re go hulareng ga bone, e tshologe ka bokete. O boletse fa la bofelo bogosi bo kopa pula koo, e le nako ya fa Kgosi Mathiba a sa ntse a tshela.

Bangwe bagolo mo motseng ba ne ba ema mogopolo nokeng ba supa fa bangwe ba sa itse ditso tsa motse wa bone le gone gore kgosi wa pele o fitlhetswe kae.

Rre Kahenga Tjitunga o ne a paka seo a re morafe wa Babanderu o ne wa kopa botshabelo mo go kgosi Letsholathebe ka nako tse dithata, ba tshaba go tswa Namibia mme a ba amogela ka tsoo-pedi.

O gakolotse bogosi gore fa bo kaba phatlha ya ga kgosi, bo sa le tsamaiso morago a supa fa a lemogile fa semorafe se duba bogosi. A re go sala tsamaiso morago go ka fedisa le dipuo tsa batho ba ba kubetsanang ba re dikgotla ke tsa bone le bogosi bo na le ditso tsa jone.

Rre Mokenti Mokampa o ne a latlhela tlhware legonnyana a supa fa motse wa Toteng e le wa ntlha e bile o humile ditso tsa Batawana mme fela jaaka ba bangwe a kopa gore motse oo o tlhokomelwe thata.

A re go botlhokwa gore ba bogosi ba dire sengwe gore motse oo o itsege lefatshe ka bophara.

E ne e rile go le pele, mothusa kgosi kgolo wa Batawana, Kgosi Bringle Dithapo a tlhalosa fa Toteng a le mogologolo ebile Kgosi Letsholathebe a fitlhetswe teng ka nako ya fa a tswa kwa lentsweng la Kgwebe.

O ne gape a kopa maitshwarelo mo morafeng a supa fa ba tsere nako go kaba phatlha ya kgosi ya bone, a supa fa tiego e ne ya bakwa ke segajaja sa COVID-19 se se neng sa emisa ditirelo ka bontsi.

A re ke ka moo ba boneng go tshwanela gore gompieno ba tle go thulanya ditlhogo le banni.

Kgosi Dithapo o ne a tlhalosa fa ba tlaa tlhoka go kopana le bagolo ba ba itseng ditso tsa bogosi tsa motse oo, gore ba dire se se tshwanentseng.

Kgosi Oleyo Ledimo le ene o ne a nankola ditso ka boripana, a tlhalosa fa motse oo o tswa kgakala ebile o feta le one wa Maun tota.

O gateletse botlhokwa jwa go somarela ditso le bogosi jwa motse, bogolo jang jaaka ba tlaabo ba ipakanyetsa go tlhoma kgosi mo bogaufing.

A re o duemela gore bangwe banni ba tlaa farologana le ditshwetso tsa bone mme a supa fa seo se se molato ka jaana le mo ditshekong, motho a letlelelwa gore fa a sa kgotsofalelela tshwetso kana katlholo, a fiwe sebaka sa go ikuela.

Kgosi Ledimo a re o dumela gore bogosi bo tshwanetse jwa tlotlwa fela jaaka go tshwanetse, ke ka moo ba boneng go tshwanela gore ba dirise molao wa bogosi fa ba kaba diphatlha tsa bogosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : TOTENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Mar 2022