Ba rotloediwa go etela kokelo ya meno
20 Mar 2022
Batswana ba rotloeditswe go itlwaetsa go etela kokelo ya meno go lwantsha malwetse a legano.
Mo potsolosong bosheng, ngaka ya meno, e bile e le mogolwane wa Botswana Dental Association(BODEA), Dr Hendrix Choene a re go botlhokwa go bona ngaka ya meno gabedi mo ngwageng, ka seo se ka thusa gore botsogo jwa legano e nne jo bo siameng.
Dr Choene o ne a tlhalosa gore ope fela o nang le meno, le ene ngwana wa ngwaga e le nngwe tota, o tshwanetse go isiwa tlhatlhobong ya meno.
O tlhalositse fa dingaka tsa meno di le teng kwa dikokelong tsa puso ga mmogo le tse di ikemetseng.
A re go botlhokwa go etela dikokelo tsa meno, ka e bile malwetse mangwe a mmele a kgona go itshupa mo ganong a santse a leko tlase, mme a alafiwe a ise a tseye phekelo e sele.
Dr Choene a re bangwe ba tswa diso mo molomong, mme di dire monko o o bosula mo ganong, a re bangwe monko wa legano o supa bolwetse jaaka jwa sukiri, madi a matona kana go sa itekanela mo menong, le mo mmeleng kana mo tlhaloganyong.
A re fa gongwe batho ga ba kope thuso jaaka gongwe ba tswa madi mo marinining, a tlatsa a re bangwe ba tswa diso mo leganong mme ba nne moriti o tsididi ka tsone, ntswa tsone di tswelela ka go dira tshenyo.
O tlhalositse fa diso tseo, di epa motho mo ganong, mme ka jalo di nne di boele gangwe le gape mme phelelong di dire tshenyo mo motho a felelang a nna le monko mo leganong.
Mo go tse dingwe Dr Choene o ne a re bone e le ba BODEA ga ba rotloetse go ntsha meno a re ga go a siamela botsogo jwa motho, a re leino le botlokwa thata gore ditlhaa di seka tsa wela, gore lerapo le seka la jega, a tlatsa ka gore leino le botlhokwa go tshotlha ga mmogo le go ntsha monyenyo o feletseng.
Fa a itebaganya le tlhokomelo ya loleme, Dr Choene o ne a re ke tshwanelo ya gore ka nako tsotlhe fa motho a ikgotla meno a bo a goba le loleme.
A re bangwe ga ba gobe loleme mme le nne le bogobe fa godimo, mme a re moo go tlhotlheletsa go nna le monko wa legano.
O ne a re fa loleme le sa tlhapiwe sentle le na le go paka dijo tse dintsi mme ka jalo le bo le dira gore legano le bo le nna le monko.
A re monko wa legano ke kgang e bokete ka e bile go le thata go leba motho yo o nang le monko wa legano le go mmolelela.
Dr Choene a re batho ba ba nkgang legano ba nale makgwete go tsamaela mo kgokgochong mme ka jalo a re bangwe ba ikutlwa gore ba nkga legano.
A re mabaka mangwe a ka bakang monko a akaretsa go sa tlhapiwe sentle ga legano, mmele o sa itekanelang, fa mo gongwe go ka tswa mo mpeng, motho a na le malwetse a diphilo, sebete, mme mewa ya teng e fete ka legano.
Mo dikgannyeng tse dingwe Dr Choene o ne a kopa Batswana go itse go ikgotlha meno, a rotloetsa go ikgotlha meno gabedi mo letsatsing, ga mmogo le go fetola borashe jwa meno gangwe le gape, gore ba seka ba ja sukiri e ntsi.
E re dikgang di eme jao lefatshe la Botswana le ne le ipelela letsatsi la mafatshefatshe la botsogo jwa meno ka Matlhatso, go ruta setshaba ka botsogo jwa legano.
Letsatsi leo le ne le tshwerwe ka setlhogo se se reng Be Proud of Your Mouth .
Setlhogo se, se rotloetsa batho go tlhokomela legano, go ja dijo tse di siameng di sena sukiri e ntsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 20 Mar 2022