Breaking News

Childline e itlamile go netefatsa fa lenaneo le babalesegile

17 Mar 2022

Childline Botswana e itlamile go tlhomamisa gore bana ba ba tlhokomelwang ke batsadi ba e seng ba bone ba sireletsegile ka dinako tsotlhe.

 

E rile a buisa khansele ya Bokone Bophirima kwa Maun Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome le borataro, moeteledipele wa Childline Botswana, Rre Olebile Machete a tlhalosa gore lenaneno la tlhokomelo ya ngwana ke motsadi yo o sa mo tsholang ke tsamaiso e e letleletsweng ka fa molaong.

 

A re tlhokomelo e, e farologana le e motsadi yo o sa tsholang ngwana a mo tsayang ka fa molaong go nna ngwana wa gagwe ka go bo yone ngwana a godisiwa fela mme go sa ree gore motsadi yo o mo godisang o mo tseela ruri e nna wa gagwe.

 

Rre Machete a re thulaganyo e ya go godisa ngwana o se motsadi wa gagwe, e tshwanetse go tlhomamisiwa ke kgotla ya ditsheko, e bile ngwana a tsisiwa kwa motsading ke mmaboipelego.

 

O buile fa puso e lemogile gore bana bangwe ba golela mo tikologong e e sa sireletsegang, ka jalo e rile ka 2009 puso le Childline Botswana ba dira ditumalano go simolodisa thulaganyo ya tlhokomelo ya ngwana ke motsadi yo e seng wa gagwe.

 

Rre Machete o tlhalositse fa go na le dintlha tse di botlhokwa tse di lebelelwang pele ga motsadi a ka tsaya ngwana, gore a motsadi yoo o dingwaga di masome mabedi le bongwe le go feta e bile a ise a dire molato ope.

 

A re go ya ka dipatlisiso tse di dirilweng ka 2021, bana ba le makgolo a mane ba eteletse pele malwapa, mme ba le 37 000 ba tshelela mo diemong tse di ka ba tsenyang mo kotsing.

 

O tlhaloseditse makhanselara fa go na le dintlha di le dintsi tse di ka bakang gore tikologo e nne botlhabetsi mo ngwaneng jaaka batsadi ba ngwana ba le kwa kgolegelong, batsadi ba dirisa ditagi kana ngwana a kgokgontshiwa mo lwapeng.

 

A re lenaneo le le atlegile thata kwa kgaolong ya Kweneng kwa Molepolole, mme batsadi ba ba tsereng bana ba, ba dingwaga di masome matlhano go ya kwa godimo.

 

O boleletse makhanselara fa go le botlhokwa gore ba ba thuse go kwala makwalo a a tlhomamisang fa motsadi a itekanetse gore o ka godisa ngwana.

 

Rre Machete a re batsadi ba ba eletsang go godisa bana ba sa itlhophele bana bao, ka Childline Botswana e na le thulaganyo e e faphegileng e ba e dirisang go lomaganya motsadi le ngwana.

 

E rile ba tsibogela dipotso go tswa kwa makhanselareng, bangwe ba ba neng ba supa fa ba tshwenngwa ke thulaganyo e, ka ba dumela gore batsadi ba ba godisang bana ba ka ba kgokgontsha mo go tsa tlhakanelo dikobo le go ba ntsha makgoba. 

 

O tlhalositse fa go na le tsamaiso e e tsepameng go tlhomamisa gore se ga se diragale.

O tlhalositse fa bommaboipelego ba etela malwapa a bana ba isitsweng kwa go one gangwe le gape, e bile ba ba botsa dipotso go utlwa gore kgodiso ya bone e ntse jang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : Maun

Event : Council Meeting

Date : 17 Mar 2022