Breaking News

Tirisanyo mmogo e tlhofofaditse tiro kwa Kgatleng

17 Mar 2022

 

Tirisano mmogo ya komiti ya kanamiso mafoko ya Kgatleng le ba ofisi ya palo-batho e thusitse thata mo go phatlalatseng botlhokwa jwa melaetsa ya palo-batho mo kgaolong ka kakaretso.

 

Komiti e ne e tshwaretse tiro e kwa marekisetsong a matona a Pilane Crossing ka Laboraro fa motseletsele wa dikoloi o ne o akaretsa metse ya Mochudi, Rasesa le Morwa.

 

Molaodi wa Kgatleng, Mme Kolobetso Sejakgomo o galaleditse komiti ya kanamiso mafoko ya Kgatleng go bo e dirile tiro e ntle, a re ka tshwaragano ya bone le ba palo-batho ba kgonne go tsamaya dikgaolo tsa Kgatleng ba ruta setshaba ka botlhokwa jwa palo-batho, e bile a re o solofela fa molaetsa o gorogile sentle mo Kgatleng ka kakaretso.

 

Mo puisanyong le BOPA, Mme Sejakgomo o tlhalositse fa kgaolo ya Kgatleng e ne e tshware dithuto tsa babadi ba batho kwa mafelong a le matlhano, kwa  Rasesa Lodge, Matsieng Gardens, Stay Well Gardens, Mmathubudukwane le Malotwana.

 

O tlhalositse fa ithutontsho ya palo-batho yotlhe e tsaimaile sentle e bile maduo a kgaolo ya Kgatleng a nametsa go supa tota fa babadi ba ipaakantse e bile ba tlaa dira tiro ka bokgabane.  

 

Mme Sejakgomo o tlhalositse fa ba solofetse tirisanyo mmogo le banni ka nako ya palo gore ba kgone go ntsha maduo a a maleba e bile e le a boammaaruri. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Rhosaliah Moseki

Location : MOCHUDI

Event : Meeting

Date : 17 Mar 2022