Breaking News

Kgosi Malope o tshwenngwa ke maduo

17 Mar 2022

Kgosi Malope II wa ga Ngwaketse, o kopile morafe wa gagwe go tshwaragana le bodiredi jwa dikole go tokafatsa maduo a bana.

 

A re go tlhabisa ditlhong gore e re morafe o le motona jaaka wa Bangwaketse o retelelwe ke go emela thuto ya bana ka dinao.

 

E rile a bua kwa lebatleng ka Laboraro, Kgosi Malope II a kopa batsadi gore ba nne le seabe mo go tokafatseng maduo a bana, ba bo ba thusanye le bogogi jwa dikole go sekaseka mabaka a a dirang gore maduo a tswelele ka go wela tlase.

 

“Maloba e rile ke leba maduo a sekole sa Seepapitso ka bona se le mo maemong a boraro go tswa kwa tlase lefatshe lotlhe, golo mo ga ntshwenya. 

 

Batsadi a re tshwaraganeleng thuto le barutabana. 

 

Kgang e ke e lebagantse rona batsadi thata. 

 

Ya barutabana le gore go ka rutwa jang ke tlaa e kopanela le boeteledipele. 

 

Gompieno ke ne ke itebagantse le rona batsadi gore bathong a re tshwaraganeleng thuto ya bana ba rona le barutabana.”

 

O ne gape a supa matshwenyego ka mabitla a a sa tlhokomelweng, a kopa morafe gore o tswe ka megopolo go baakanya seemo seo. 

 

A re e re ntswa mabitla a tlhokomelwa ke khansele, morafe o na le maikarabelo a go netefatsa gore a a lebega.

 

“Ke batla gore lo nthuse gore go ka dirwa jang. A re ka ipopa gore re bone gore a a ka tlhagolwa ka gore le fa go twe a a teratelelwa bana ba rona ba a e utswa terata ya teng.”

 

 

Kgosi Malope II o ne a boa a rotloetsa morafe go tswelela ba ikentela bolwetse jwa COVID-19 gore ditiro tsa merafe di tshwana le dikgafela di kgone go dirwa fa bolwetse bo kgonne go laolesega. 

 

O ba kopile go sala ditaelo tsa ba botsogo morago ka go tsaya mekento jaaka e beilwe le one wa tlaleletso tota.

 

O ne gape a kopa gore ba dirisanye sentle le badiri ba palo- batho jaaka ba tlaa bo ba simolola tiro mo bogaufing. 

 

“Palo batho e a simolola batho betsho, a re dirisanyeng le bana ba rona ba ba tlaa bong ba re bala. 

 

Akere rotlhe re a itse gore palo batho e botlhokwa jang mo ditlhabololong tsa lefatshe la rona.”

 

E rile ba mo kgwa dikgaba, batsadi ba supa fa e le boammaaruri seemo sa thuto ya bana se wetse tlase mo kgaolong. 

 

Ba ne ba supa gore nngwe ya dilo tse di amang maduo ke botlhoka tsebe jwa bana.

 

Mongwe wa batsena-phuthego, mopalamente wa pele wa Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi o ne a dumalana le gore maduo a bana angomola pelo, mme e bile a tlatsa ka go re seemo seo se aname le dikole tsotlhe. 

 

O ne a ntsha mogopolo wa gore bogosi jwa motse bo kopane le bogogi jwa dikole mme morago ba begele morafe gore seabe sa one e nne eng go tokafatsa seemo. 

 

A re kgang eo e tshwanetse go tsibogelwa ke ba-na-le seabe botlhe go itsa go di tlhaolela di bekerwe.

 

“Ga re kake ra tla fa go ipoka re le batsadi gore re palelwa ke bana, golo moo ga go a re siamela. 

 

A re tle re e kopanele ka gore fa re ka seke re kopanele kgang e, re godisa batho ba e tlaa reng kamoso ba bo ba re tsenya dingalo tse re ka sekeng re di kgone.”

 

A re kgang ya gore mabitla a bo a sa tlhokomelesege ke gore Batswana bangwe ba itlhokomolositse ngwao ya bone e e tlotlang e bile e tlhokomela badimo. 

 

A re badumedi bangwe ba ikgatholositse badimo ba bone ka jaana ba supa ngwao ya badimo e le kgatlhanong le ditumelo tsa bone. 

 

Le fa go ntse jalo, Rre Rammidi a re kgosikgolo o na le dithata tsa go laela mephato ya ga Ngwaketse gore e eme ka dinao e baakanye seemo kwa mabitleng.

 

 

E rile a latlhela tlhware logonnyana, mopalamente wa pele wa Mmathethe/Molapowabojang, Rre Peter Siele a supa fa e le morafe ba tlhabisiwa ditlhong ke maduo a dikole mo kgaolong, bogolo jang se segolwane sa Seepapitso. 

 

A re e re ntswa a dumela gore barutabana ba na le tse ba di ngongoregelang, kgang e e tshwanetse go emelwa ka dinao ya tshwaraganelwa ka jaana puso ya Botswana e na le maitlamo a go nna tshaba e e rutegileng.

 

“Re na le lehoko le le reng bana ba na le ditshwanelo, batho ga ba kgalemele bana. 

 

Bana o itlhela ba gobeya mo motseng le mo dikgorong tsa mabentlele, selo seo re tshwanetse gore re se emele ka dinao.” Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : KANYE

Event : Meeting

Date : 17 Mar 2022