Mhero o apesitse balemi kobo ka letshoba 1
16 Mar 2022
Balemi ba masimo a a bapileng le Motshegaletau le Mogorosi kwa kgaolong ya Serowe Borwa ba lela se se botlhoko ka mhero o o ba apesitseng kobo ka letshoba.
Mme Otsholeditse Ndolo wa masimo a Motshegaletau o boleletse BOPA fa ba tshwenngwa bobe ke mokhure, motantanyane le bojang jwa motlhwa ka di hupetsa dijalo.
Mme Ndolo o boletse fa ba tlhagola mme fa pula e na mhero o, o gola ka mabetwa e pelo le ka bofefo.
A re tshimo ya gagwe e ntse e sena mehero eo mme o belaela e tsile ka terekere e e neng e mo lemela.
Mme Ndolo a re go lebega megoma e tla e rwele peo ya mhero go tswa kwa masimong a mangwe.
Mo go tse dingwe, a re le fa go ne ba lemelwa ke puso, beng ba diterekere ga ba leme sentle ka ba a bo ba itlhaganetse gore ba leme masimo a mantsi ka nakwana, a bolela fa ba lema dibanka fela jaaka ba dirile mo tshimong ya gagwe.
O boletse fa a simolotse go lema ka Hirikgong mme dingwe tsa dijalo tsa gagwe tsa hupediwa ke mhero o a neng a o lwantsha nako tsotlhe le bana ba gagwe.
A re ke ngwaga o no fela mo a boneng mhero o o ntseng jaana.
A re ke molemi yo o ratwang bobe ke mmidi le dinawa.
O boletse fa masogo le one a iphile maatla ka go mo senyetsa gammogo le seboko se se jang mmidi, se a reng o se kgona ka go tshela mmidi molora wa leiso.
Mme Ndolo o lemile ntshe, mmidi, dinawa, mabele, maphutshe le lab-lab.
A re fa a lemile sentle, o kgona go ja bontlha bongwe mme jo bongwe a bo rekise.
Molemi yo mongwe, Mme Boitshwarelo Ramoreetsi wa masimo a Nkgala go bapa le Mogorosi o tshwenngwa ke thaga e e tlang ka segopa mme e tlhasele mabele le ntshe.
Mme Ramoreetsi fela jaaka Mme Ndolo a re o tshwaenngwa ke mhero wa motlhwa.
A re mo dijing tse di tshwanang le seboko ene o dirisa botsipa jwa go lema a kabakanya a hapakanya dijwalo tsa gagwe ngwaga le ngwaga.
A re o tsene dithuto tsa go lema tse dikhutshwane, ke gone mo a itseng go lema a hapaanya dijalo.
A re o simolotse go lema ka Hirikgong mme dijalo tsa gagwe di tlhatswa ngati e bile go lebega wa mariga a tlaa o ora. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Motshegaletau
Event : Potsolotso
Date : 16 Mar 2022