Ba le bane ba sekela bogodu jwa dikgomo
16 Mar 2022
Basekisiwa ba le bane ba tlaa iponatsa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Kanye ka Moranang 19 go tsweledisa tsheko ya molato wa go fitlhelwa ka leruo le go belaelwang e le la bogodu.
Go bolelwa fa borre bao e bong; Hiwa Moreki (64), Thato Banantwa (34) le Twoboy Goitsemodimo (28) ba Ntlhantlhe gammogo le Mafoko Ranthaka (38) wa Lekgolobotlo ba fitlhetswe ka dikgomo di le tharo
Lwetse e tlhola malatsi a fera bongwe ngwaga tlola gaufi le Lotlhakane East, mme ba palelwa ke go tlhalosa.
Fa a a afa bosupi kwa tshimologong ya tsheko eo ka Labobedi, mosupi wa ntlha wa puso, Constable Justice Sentsho wa sepodisi sa Sejelo o ne a bolelela lekgotla gore e ne ya re ka letsatsi leo, ba amogela pego e tlhalosa fa mosekisiwa wa ntlha a ne a pegile dikgomo mo koloing mme morago ene le badiri ka ene ba ne ba mo tsaya ka motlhala go fitlhelela ba mo tshwara gaufi le Lotlhakane East.
A re mosekisiwa o ne a kgweetsa koloi e tshweu ya modiro wa Toyota Hilux ya dinomoro tsa B654AZB mme e goga letoroko la mmala wa serolwana la dinomoro tsa B537BMH, le pegile dikgomo di le tharo.
A re ka nako eo, mosekisiwa o ne a na le mosekisiwa wa bobedi le wa boraro, e bong Banantwa le Goitsemodimo .
Constable Sentsho o ne a tlhalosa gore morago ga gore basekisiwa ba palelwe ke go arabela dikgomo tseo, ba ne ba tsamaya le bone kwa ofising ya sepodisi ya Lotlhakane East kwa ba fetileng ba lemoga matshwao a dikgomo tseo sentle.
A re mo go tsone go ne go na le e Naana ya tshipi ya LV mo godimo ga U, mme e tshwailwe lesibi mo tsebeng ya molema le motlhalawakgama mo go ya moja.
A re kgomo ya bobedi e ne e le khunou le yone e tshwailwe jalo, fa ya boraro yone e ne e le thokwa e tshwailwe kwena.
A re mo godimo ga moo, dikgomo tseo di ne di rwele manyena a dinomoro tsa 16576597, 16576605 le 16576617 ka go latelelana ga tsone.
A re e re ntswa mosekisiwa wa ntlha a ne a bolelela mapodisi fa dikgomo tseo e le tsa gagwe, o ne a palelwa ke go tlhalosa mo go kgotsofatsang gore o di tsaya kae.
A re mosekisiwa wa bobedi le wa boraro le bone ba ne ba palelwa ke go amanya dikgomo tseo le mosekisiwa wa ntlha.
Morago ga moo, Constable Sentsho o ne a bolelela lekgotla gore mosekisiwa o ne a kopa mapodisi go tsamaya le ene kwa masimong a gagwe kwa Sebokwana go ntsha bosupi jwa gore ka boammaaruri dikgomo tseo ke tsa gagwe.
A re mosekisiwa o ne a feta a ntsha pampiri ya sesupo sa leruo le manyena a dikgomo.
A re e re ntswa dingwe tsa dinomoro tsa manyena a a neng a kwadilwe mo pampiring di ne di tsamaelana le tsa a a mo dikgomong, go ne go na le fa go tlhakatlhakaneng teng.
A re mo mokwalong, kgomo e naana e ne e kwadilwe e le nala e bile go supa e le tonanyana.
A re e thokwa e ne e kwadilwe e le khunwana e bile e le namagadi, fa e khunohu le yone e ne e kwadilwe e le khunwana mme e le namagadi.
O tsweletse a tlhalosa gore ba ne gape ba fitlhela manyena a dinomoro tsa 16576612, 16576613, 16576614 le 16576615 a mokwalo o o neng o supa a le mo dikgomong tseo.
A re e rile mapodisi a mo tlatlamelela ka dipotso, mosekisiwa wa ntlha a tloga a fetogela mafoko a gagwe a tlhalosa fa dikgomo tseo e se tsa gagwe mme e le tsa ga Banantwa, Goitsemodimo le Ranthaka yo ka nako eo a neng a se na le bone.
A re Moreki o ne a bolelela mapodisi gore kgomo e naana le e khunou ke tsa ga Banantwa le Ranthaka, fa e thokwa yone e le ya ga Banantwa le Goitsemodimo mme ene a ba thusitse fela ka tshipi le manyena.
Constable Sentsho o boleletse lekgotla gore gone kwa masimong a ga Moreki, ba fitlhetse modisa wa gagwe yo o neng a sa bue Setswana se se tlhapileng, a belaesega a tswa Lesotho kana eSwatini.
A re modisa yoo, yo o neng a nyelela morago ga foo, o ne a bolelela mapodisi fa a hakgamaletse gore Moreki o laisitse dikgomo mme ene e le motlhokomedi wa gagwe a sa di itse.
A re e re ka jaana mosekisiwa wa ntlha a ne a umakile mosekisiwa wa bone, ba ne ba mo latela kwa Lekgolobotlo kwa a fetileng a tlhalosa gore ba na le tumalano ya gore bone ba le bararo ba tsaya dikgomo tsa matimela tse di sa tshwaiwang mme ba di neela mosekisiwa wa ntlha gore a di tshube a be a di rwesa manyena.
A re mo polelong ya gagwe Ranthaka o supile fa ene le Banantwa ba ne ba thiba kgomo e naana le e khunou ba di isa kwa masimong a ga Moreki kwa Sebokwana.
A re Banantwa le Goitsemodimo le bone ba ne ba netefatsa gore ba bone kgomo e thokwa ba na le Moreki ba tswa Kgomokasitwa mme a ba tlogela gore ba e thibele kwa masimong a gagwe kwa Sebokwana.
E rile ba fiwa sebaka sa go botsa mosupi dipotso, Moreki o ne a re ba sepodisi ba paletswe ke tiro ya bone ka go tlhoka go netefatsa letso le maina a modisa wa gagwe ka botlalo.
A re gape ba paletswe ke go mo tsaya polelo ka botlalo go bona gore a mme o mo lefatsheng leno ka fa molaong, gammogo le yone teseletso ya go bereka mono.
O ne a ganetsa bosupi jwa ga Constable Sentsho, a tlhalosa fa ene a ise a neele mapodisi manyena ape, a botsa gore ke eng go sena ope yo o ngongoregang gore dikgomo tseo ke tsa gagwe.
Banantwa ene o ne a re ga a itse gore o amanngwa jang le molato oo, le ene a botsa gore ke eng go se na mongongoregi wa kgang eo.
Goitsemodimo a ngongorega gore e re ka jaana ba fitlhetswe ba le barataro mo koloing nako ya ba tshwarwa, go tsile jang gore ba bo ba lebisitswe molato ba le bararo fela.
Ranthaka o ne a supa fa a galala boleng jwa bosupi jwa ga Constable Sentsho, a tlhalosa fa ene a sa fitlhelwa ka sepe se se mo amanyang le molato oo, ka jalo a re o nyatsa gore mapodisi ba ikaegile fela ka bosupi jwa ga Moreki go mo golaganya le molato.
Ba bosekisi, ba emetswe ke Sub-Inspector Gaolaolwe Phakalane ba tlaa bitsa mosupi wa bofelo fa kgang eo e tswelela, ba bo ba dira thulaganyo ya gore koloi le letoroko tse go buiwang ka tsone di tle go supiwa fa pele ga lekgotla.
Ba supile fa koloi e ne ya busediwa mong wa yone ka taolo ya lekgotla, fa letoroko le lone le ne le sa kgona go tsisiwa kwa lekgotleng.
Dikgomo tsone di ne tsa tsisiwa e le bosupi fa pele ga lekgotla, gammogo le dinepe tse di tserweng ka nako ya tiragalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Kanye
Event : Tsheko
Date : 16 Mar 2022