Breaking News

Ba Tsabong ba kolota WUC P12m

16 Mar 2022

Mogolwane wa Water Utilities Corporation (WUC) kwa Tsabong, Mme Tebogo Segwati a re ga ba jesiwe diwelang ke dikoloto tsa metsi tse di kwa godimo.

A re seemo seo se busetsa ditirelo tsa bone morago.

Fa a ntsha pego ya dikoloto mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa mo bokopanong jwa bone le batsaya-karolo ka Mosupologo Mopitlo 14, Mme Segwati o ne a tlhalosa fa WUC e kolotwa P12 million.

A re sekoloto se, se akaretsa sekoloto sa metsi a a dirisiwang mo malwapeg, puso, dikgwebo le khansele.

A re seemo se tlhotlheleditswe ke COVID-19 ka metsi a ne a tshwanelwa ke go dirisiwa a le mantsi e le tsela nngwe ya go sireletsa setshaba kgatlhanong le mogare oo.

Mme Segwati a re le fa go ntse jalo, ba koporase ba dirile mananeo a a ka thusang gore dikoloto di kgone go duelwa mo dikgweding tse tharo, go itsese batho dikoloto ka mogala, fa go padile ba felele ba kgaola metsi mme morago ba ikuele mo go ba ba phuthang dikoloto go tsaya dikgato tse di maleba.

Mme Segwati o ne a kgothatsa badirisi ba metsi go duela kgwedi le kgwedi go ya ka ditumalano tsa bone le WUC ka ba tlhofofaditse dituelo e leng go duela kwa diofising, kana go duela ka maranyane.

O ne a tlatsa ka go tlhalosa ka kgokelo ya metsi mo malwapeng kana mo madirelong le go bala ga dimmithara.

Mookamela koporase ya metsi mo dikgaolong tsa Tsabong, Hukuntsi le Ghanzi, Rre Amogelang Molefe ene o boletse fa maitlamo a WUC e le go dira thomo ya puso ka go isa metsi kwa setshabeng ka manontlhotlho.

Rre Molefe o boletse fa ba tshwaraganye le ba lephata la metsi le kgopo leswe ka go epa didiba fa WUC yone e tlhomamisa gore ba tsenya didirisiwa tsa maemo a ntlha go dira ditlhatlhobo tse di tseneletseng pele ga metsi a goroga mo setshabeng.

E re ka jaana koporasi eo e nosa dikgaolo tse dingwe ka metsi a a tswang mo matamong o ne a supa fa ngwaga ono pula e nele ka boutsana fa go tshwantshanngwa le ngwaga o o fetileng mo nakong eno ka bontsi jwa matamo a ne a penologa kwa ntleng ga letamo la Gaborone.

Le fa go ntse jalo o ne a supa fa ngwaga ono matamo a ka tsaya ngwaga a nosa setshaba le fa pula e sa ne.

O ne a supa fa mo Kgalagadi koporase ya metsi e na le dikgwetlho tsa letlhoko la metsi ka gantsi le fa ba epa didiba di na le metsi a a letswai, mme ba tshwanelwa ke go dirisa madi a mantsi go tlhatswa metsi ao.

Rre Molefe o ne a kopa baeteledipele mo kgaolong eo go buisanya le banni go emisa mokgwa wa go utswa didirisiwa tsa metsi fa bangwe go lebega ba utswa le go thuba diphaephe, selo se a supileng fa se kgoreletsa ditirelo.

Morago ga foo Rre Molefe o ne a abela metse ya Tsabong le Makopong meriti e mebedi ya maemelo a dibese go tswa mo badiring ba WUC, a supa fa ba dira seo ka mowa wa lorato go thusa setshaba se ba direlang mo go sone.

O boletse fa ba dirisitse P90 000 go dira meriti eo, a supa fa ba tswa kgakala ka go thusa mo kgaolong eo.

A re mo nakong e e fetileng ba ne ba abela morafe wa Bray ditilo le ditanka tsa matlakala, paka ya sekole, dibeke tsa sekole le mesangwana ya basetsana mo dikoleng tse di potlana tsa Middlepits le Rapplespan.

Rre Molefe o ne a kopa merafe eo go tlhokomela mpho eo gore e tle e kgone go ba solegela molemo le dikokomane tse di tlaa tlang.

Motshwarelela moeteledipele wa koporase ya metsi mo Tsabong, Rre Benjamin Baitshenyetsi o ne a tlhalosa fa ba siela setshaba metsi go simologa kwa Kokotsha go fitlha kwa Struizendam go tswa mo didibeng fa a mangwe ba a tsaya kwa Afrika Borwa go nosa Gakhibana le e e mabapi.

O ne a tlhalosa fa ba na le kgwetlho ya tlhaelo ya metsi, ka metse mengwe ba e siela ka dikoloi, selo se se bakwang ke didiba tsa metsi a a letswai, fa dingwe di kgala mo lebakeng le lekhutshwane. 

A re bothata jo bongwe ke metsi a a tswang kwa tlase ga lefatshe a a sa siamelang go nowa.

Rre Baitshenyetsi o boletse fa go ya pele ba tlaa oketsa ditanka tsa metsi le mabeelo ba bo ba epa didiba tse di lekaneng go leka go tsibogela seemo sa metsi mo kgaolong.

 O ne a tlatsa ka go supa fa ba ikaelela go tsosolosa dikomiti tsa metsi mo kgaolong eo ka di le botlhokwa mo tokafatsong ya ditirelo tsa metsi.

Mongwe wa bagolwane ba koporase eo, Rre Thuto Tshiamo o ne a tlhalosa ka tiro ya phatlalatso ya metsi e e dirwang mo Tsabong e e lopileng P36 million mme e tlaa wela mo kgweding ya Motsheganong e ya fifing.

A re e tlaa thusa mo tlhaelong ya metsi mo motseng oo, a tlatsa ka go re phatlalatso eo e tlaa thusa go isa kwa ditsheng tse disha mo Tsabong le kwa Maleshe.

Mokhanselara wa Tsabong Bokone, Rre Edward Coetzee o ne a leboga ba WUC mo Tsabong ka tekodiso ya ditirelo tsa bone a bo a lebogela mpho ya moriti wa dipalamo tsa setshaba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Pego ya Kgaolo

Date : 16 Mar 2022