Breaking News

Ba ba supileng kgatlhego ba palo potlana

16 Mar 2022

Ntswa go le leshekere la ditiro mo lefatsheng leno, banana ba kgaolo ya Kweneng Botlhaba, bogolo jang ba metse e e kgakala le ditlamelo, ga ba a supa kgatlhego ya go ka thapiwa mo lenaneong la palo batho le le tlaa simololang kamoso.

Mo potsolotsong, mogokaganyi wa lenaneo la palo-batho mo Kweneng Botlhaba, e bile e le mothusa molaodi wa ditlhabololo mo Kweneng, Rre Kabelo Ntopo o ne a re mo thulaganyong ya go baakanyetsa palo ya batho, ba nnile le kgwetlho ya go bona batho ba ba lekaneng go ka thapiwa mo lenaneong le.

A re go ne go le thata go bona batho mo dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo di tshwana Loologane, Shadishadi, Sojwe le mafelo a mangwe a a mabapi ka jaana banana ba dikgaolo tseo ba ne ba sa supe kgatlhego.

Le fa go ntse jalo, a re palonyana ya ba ba leng teng ba tlaa ba thusa go tlhaloganya ngwao, puo le ditso tsa batho ba dikgaolo tseo fa lenaneo leo le simolola.

Rre Ntopo o ne a supa fa ba itemogetse gore banana ba ba neng ba ba batla ba nna kwa ditoropong e seng mo magaeng.

O ne a tlhalosa gore ntle le dikgwetlho, ba tsweletse ka dithuto tsa go rutuntsha banana ba ba tlaa thapiwang mo lenaneong leo le le tlaa tlang bokhutlong ka Mosupologo mme morago ba thape barutwana ba ba tlaabong ba fentse ditlhatlhobo tse di tlaa dirwang.

Rre Ntopo a re barutwana bao ba rutilwe gore dipotso tse ba tlaa bong ba di botsa ba di botse jang.

Gape o rurifaletsa setshaba gore ga ba na go dirisa kitso epe kgotsa diphiri dipe tse ba tlaa di tsayang mo setshabeng ka tsela e e  botlhabetsi.

 Ka jalo o rotloeditse setshaba go dirisana sentle le lekoko le le tlaa bong le bala batho.

Rre Ntopo o tlhalositse botlhokwa jwa lenaneo la palo ya batho, a kaya gore morago ga dingwaga tse di lesome go balwa batho botlhe ba ba mo lefatsheng.  

A re go sekasekwa gape gore a go na le bonno, ditlhabololo le ditlamelo tse di lekaneng batho le gore a dipalo tsa batho di a gola kgotsa di a fokotsega le gore a dintsho di fekeetsa ka fa batho ba tsholwang ka teng.

A re go botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe a tsee karolo ka gore thulaganyo e, e thusa gape go itse gore batho ba ba etetseng lefatshe ba kae e bile go ka amogelwa batho ba le kae gore le bone ba tle ba tsenye letsogo mo go tlhabololeleng lefatshe.

Mongwe wa barutuntshi ba ba thapilweng go etelela pele batho ba ba tlaa bong ba bala batho mo Shadishadi, Rre Joel Morakile a re ba malala a laotswe go ka simolola palo ya batho, sebe sa phiri ke gore dipalo tsa batho ba ba tlaa thapiwa mo lenaneong leo di kwa  tlase mo go tse dineng di solofetswe.

A re ba ne ba solofetse go rutuntsha batho ba le masome a le marataro mme ba le masome mararo le bosupa ke bone fela ba supileng kgatlhego.

Le fa go ntse jalo, a re palo ya batho ya monongwaga e pharologanyo ka jaana go tlaabo go dirisiwa maranyane go na le dibukana jaaka mo nakong e e fetileng.

A re ba anywile go le gontsi mo lenaneong le ka jaana ba ithutile gore go bala batho go thusa puso go tsaya ditshwetso tse di maleba go tlhabolola batho le lefatshe.

Palo ya batho e tlaa simolola kgwedi eno e le lesome le boferabobedi go ya go ema kgwedi eno e ya fifing.

A re batho ba tlaa balwa go tloga ka nako ya borataro mo mosong go fitlha nako e le masome a marataro go tlogela nako ya borobabobedi mo maitseboeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : SOJWE

Event : Potsolotso

Date : 16 Mar 2022