A molao-motheo o tlhatlhamololwe Kgosi Sekai
16 Mar 2022
Bakgatla ba dumela gore molao-motheo o o mo tirisong ga se wa Batswana.
Mothusa kgosi ya Bakgatla, Kgosi Bana-Sekai o buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go sekaseka molo-motheo ka Labobedi kwa Oliphant’s Drift.
“Rona re le Bakgatla le nna ke le mo teng ra re a molao-motheo o tlhatlhamololwe e seng go seka-sekwa jaaka go dirwa mo nakong eno.” A re bogogi jwa Bakgatla bo eteletswe pele ke Kgosi Kgafela II bo tshwere bosupi jo bo rurifatsa kgang ya bone, e bile fa bo batlwa b aka bo ntsha.
Mo godimo ga moo, Kgosi Sekai o ne a supa fa a tshwentswe ke seemo sa go tlhophiwa ga marara a re ga se Setswana e bile e se Sekgatla. O ne a tlhalosa fa Bakgatla ba tsere tshwetso ya gore ga ba kake ba letlelela thulaganyo ya go tlhophiwa ga magosi le fa e le ka le le beilweng.
Go ya ka ene, kgosi e tlhongwa ke kgosikgolo e seng go tlhophiwa mo o ka reng jaanong ke tsamaiso ya sepolotiki. Mongwe wa baagi ba Oliphant’s Drift, Rre Mothibedi Modikwe ene o ne a kgala tsamaiso e mopalamente a ka tlhongwang ke Tautona go nna tona.
A re tsamaiso e e tlodilwe ke dipeba ka jaana e dira gore baemedi ba ba itlhophetsweng ke setshaba jaanong ba felele ba faraferwe ke ditiro b abo ba retelelwe ke go diragatsa thomo ya batlhophi.
Mo go e nngwe, Rre Modikwe o ne a kopa molao-motheo go neela magosi dithatha tse di feletseng gore ba tle ba kgone go busa merafe ka manontlhotlho jaaka pele. A re mo nakong eno batho ba a nyelela mme ba seke ba tlhole ba bonwa mme pele borara bo ne bo bolotsa mephato go batla batimedi mme ba bonwe.
Rre Oratile Mapetengwa yo e leng monana e bile ele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ene o ne a re molao-motheo o tshwanetse wa gagamaletsa setoropo borre ba ba tshodisang bomme bana ba bo ba ba phuaganya. A re molao o tshwanetse wa pateletsa borre ba go nna jalo go nyala bommabana.
Mme Setswakae Molefe ene o ne a kopa gore ba kaboditsha ba seka ba tshwantshanya dikereke tse e leng mekgatlho e e sa direng dipoelo le dikgwebo fa ba aba ditsha.
O tsweletse a supa fa a tshwentswe ke ka fa puso e kgethologile ka teng kereke; selo se a reng se thatafaletsa dikereke le gone go aga matlo a thapelo tota.
O lopile gore molao-motheo o pateletse puso go thusa ka matsana a go aga kereke.
Mme Molefe o ne gape a kopa gore puo ya sekgowa e e dirisiwang mo molao-motheong e tlhofofadiwe. Rre Aupa Malebye ene o ne a tlhalosa fa nako e gorogile jaanong gore molao-motheo o pateletse puso go tlhoma letlole la itshetso le le tlamelang batho.Fa a ba kgwa dikgaba, mothusa modulasetilo wa lekoko,Rre Johnson Motshwarakgole o ne a tlhalosetsa Bakgatla fa go ya ka ene tiriso ya lefoko tshekatsheko e tshwana fela le go tlhatlhamolola molao-motheo.
Mafoko a gagwe a ne a gatelelwa ke modulasetilo, Rre Maruping Dibotelo yo o tlhalositseng fa e le la ntlha mo ditsong tsa lefatshe la Botswana go sekasekwa molao-motheo go tswa kwa tshimologong go ya kwa phelelong. A re mo makgethong a sekae a molao-motheo o neng o sekasekwa, go ne ga itebaganngwa le dintlha tse di rileng fela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : OLIPHANT\'S DRIFT
Event : Tshekatsheko ya molao-motheo
Date : 16 Mar 2022