MacMillian le Kweneng Trust ba abetse sekole dibuka
15 Mar 2022
Kweneng Development Trust e tshwaraganye, Macmillian Botswana, Petlo Publishers le ba bangwe, ba abetse sekole se segolwane sa Mahupu Unified dibuka di feta sekete.
Mogolwane wa Kweneng Development Trust, Rre Charles Keikotlhae, o supile fa puso e ne ya letlelela dikhansele go itshimololela dikhamphani tse di ka di direlang letseno, ka jalo ga tlhangwa lekgotla la Kweneng Development Trust.
Rre Keikotlhae o tlhalositse fa maikaelelo a lekgotla le e le go thusa ba ba tlhokileng lesego mo Kweneng, ba ba wetsweng ke dibetso tsa tlholego le go thusa mo dikoleng tsa Kweneng gore bana ba ntshe maduo a a botoka.
Mogolwane o tlhalositse fa ba ne ba sa solofela go aba dibuka tse di kalo, mme ka thuso ya Macmillian Botswana ba kgonne.
O supile fa ba itumela ka sekole sa Mahupu se dirile diaba monongwaga, se tsere maemo a boraro go tswa kwa go a bosupa ngogola.
Rre Keikotlhae o supile fa sekole seo se kgatlha ka jaana se le sentle, se le phepa gape boitshwaro jwa bana ba sone bo eletsega.
Mogolwane wa ofisi ya thuto kwa Letlhakeng, Rre Gagoope Andreck o ne a tlhalosa fa ba amogela dibuka tseo ka boitumelo, o supile gore le fa sekole seo se pasa, ntlwana ya sone ya motlobo wa dibuka ga o na dibuka gotlhelele.
Rre Andreck o supile fa sekole seo, se ntse se dira sentle mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, a supa fa se ntse se balelwa mo go tse di lesome tsa ntlha.
O kopile ba Macmillian Botswana go itlama go tlhokomela sekole sa Mahupu, kana go itlhophela bana ba sekae ba ba tlaa ba tlhokomelang.
O ba kopile go tswelela ba thusa sekole seo gore go tle go nne le diphetogo, a supa fa sekole se dira sentle, ka jalo thuso ya bone e tlaa bo e sa wela mo legoeleleng.
Fa a itebaganya le bana, o ba kopile go tsaya thuto ka tlhoafalo, a supa fa thuto e le yone e ka ba ntshang mo lehumeng.
Mokhanselara wa Mogoditshane, Mme Francinah Jawe o ne a lebogela ba Macmillian Botswana le ba Petlo Publishers, go thusa ka dibuka tse di abetsweng sekole sa Mahupu.
Mokhanselara Jawe o tlhalositse fa dibuka tseo tsotlhe di le 1 117 a bo a supa fa bana ba sekole sa Mahupu ba kgethegile e bile ba le mo dipelong tsa bogogi.
O supile fa bana ba sekole seo ba dira sentle le ntswa ba le kgakala le ditlamelo.
Mookamedi wa Macmillian Botswana, Rre Kopano Sechele ene o ne a lebogela bana ba sekole seo go tsholetsa maduo.
Rre Sechele o kopile bana ba sekole go ithuta gore metsotsonyana e ba nang nayo ba se mo thutong, ba e dirise go bala kana sengwe fela se se gaufi le bone.
O tlhalositse fa go bala e le tsela e e ka ba isang kwa ditorong tsa bone a bo a ba kopa go iphapha mo bogodung.
Mookamedi o tlhalositse fa bone e le ba Macmillian Botswana, ba rata go fa ngwana wa Motswana boswa jo a ka sekeng a bo amogwe ke ope.
Fa a amogela baeng, Mogokgo William Mbinda o ne a supa fa bana ba sekole seo ba le 1 579.
Rre Mbinda o tlhalositse fa mo maduong a mophato wa boraro ba ne ba na le di A di le thataro le Merit, e le ke la ntlha mo ditsong sekole seo se dira botswerere jo bo ntseng jalo.
O tlhalositse fa kwa ditlhatlhobong tsa mophato wa botlhano ba tlhatlogetse kwa maemong a boraro, go tswa kwa go a bosupa, mme maikaelelo a bone e le go tsaya maemo a ntlha. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TAKATOKWANE
Event : Kabo Dimpho
Date : 15 Mar 2022