Ga go na barekisi ba motlhaba mo borwa jwa Botswana
15 Mar 2022
Ga go na ope yo o nang le teseletso ya go rekisa motlhaba mo borwa jwa lefatshe leno, ka jalo ba ba dirang jalo ba dira molato.
Motshwarelela mothusa mookamedi wa lephata la meepo, Rre Kenalemang Charles o boleletse banni ba Moshana gaufi le Kanye mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Thapelo Letsholo ka Mosupologo Mopitlo a le lesome le bone.
Rre Charles o tlhalositse gore e re ntswa molao o ba letla go epa motlhaba ka selekanyetso go ikagela mo gae, ga ba letlelesege go o epa ka bontsi ba gweba ka one.
O ne a ba rotloetsa gore ba ka dirisa matlapa a a thubilweng mo dikagong tsa bone go itsa go epa motlhaba mo go feteletseng.
Mo dikgannyeng tsa kwari ya Moshana, Rre Charles o ne a bolela gore thulaganyo ya go katela mahuti a magologolo e tlaa simololwa mo bogaufing.
A re e re ntswa mahuti ao a kile a katelwa, a tshwanetse go baakanngwa a katelwa sesha gore a kgone go dirisiwa mo dilong tse dingwe mo isagong.
O ne gape a tlhalosa fa tshekatsheko e tlaa dirwa go bona gore lerole le banni ba motse oo ba ikuelang ka lone le bakwa ke eng le gore le ka timolwa jang.
E re ntswa banni ba Moshana ba ne ba ikuela ka go phatloga ga matlo mo go bakwang ke go thuntshiwa ga ditalameiti kwa kwaring, Rre Charles o ne a supa fa lephata la gagwe le ise ba amogele dipego tsa mothale oo.
Le fa go ntse jalo, o ne a ba tshephisa fa a tlaa tlhotlhomisa dikgang tseo mo go tseneletseng.
E rile a iteela mafoko ao kobo moroko, mookamela mapodisi a Sejelo, Superintendent Mogomotsi Matlapeng a tlhalosa fa go epiwa ga motlhaba kwa Moshana go dirwa go sa salwe tsamaiso morago.
A re ba tshwaragane le komiti ya twantsho borukutlhi ya motse oo go tsibosa setshaba ka tiriso ya motlhaba e e sa letlelesegeng.
“Re le ba sepodisi re itemogela gore bontsi jwa lona bo dirisa motlhaba ka tsela e e sa letlelesegeng.”
O ne a ba tlhagisa gore ba sepodisi ba tlaa tswelela ba beile kgang eo leitlho mme ope fela yo o tlaa bonwang a tlola molao o tlaa tseelwa dikgato.
E ne e rile a a fa pego ya motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Moshana, Mme Mosetsanagape Modise a supa fa kwari e le mo motseng wa bone mme e sa ba solegele molemo ka sepe ntle le go ba tsosetsa dithole.
O ne gape a ngongoregela dikgatampi tse di epilweng mo motseng go tsewa motlhaba, a kopa gore thulaganyo ya go epa motlhaba e laolwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : MOSHANA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 15 Mar 2022