Breaking News

Lefatshe le tlhoka bomme ba sebele

15 Mar 2022

Lefatshe le tlhoka bomme ba motiaba ba tsepame mo go ageng malwapa a nako eno a a lebanweng ke dikgwetlho tsa kgodiso ya bana ba ba sa laolesegeng.

Mopalamenete wa Gabane/Mmankgodi, Rre Kagiso Mmusi, o buile jaana a simolodisa semmuso lekgotla la Bomme-ba-Moduduetso kwa Gabane ka Matlhatso Mopitlo 12.

A re mo nakong eno kgodiso ya ngwana e tlhoka boikarabelo jo bo kwa godimo le go betla methale e e ka thusang go itebaganya le kgodiso ya ngwana wa gompieno e e seng bonolo.

“Ga re na pelaelo gore bomme ke bontlha bongwe jwa tshaba jo seabe sa jone mo tlhabololong ya lefatshe e leng jo bo faphegileng, ka jalo go botlhokwa go ema nokeng ditiro tsa bone ka maikaelelo a go bona ba dira pharologanyo mo matshelong a rona re le tshaba” ga gakolola Tona Mmusi.

A re o tshwennga ke go bona batsadi bangwe ba itlhokomolositse boikarabelo jwa kgodiso ya bana le tlhokomelo ya malwapa ka tsholofelo ya gore puso e ba tseele boikarabelo.

A re mapodisi ga ba a tshwanela go dirwa bo gogo ka go dubadubana le dikgang tsa malwapa a go bonalang a ise a nne le ditsamaiso tse di lolameng mo kgodisong ya bana. 

Ka jalo, Rre Mmusi o rotloeditse gore makgotla a motse a tsosolosiwe go thusa go fetola boitshwaro jwa setshaba.

Rre Mmusi a re e re ntswa lefasthe leno le tshwere ka natla go leka go tsosolosa ngwao, maiteko a tshwana a Bomme-Ba-Mogolokwane a go thabolola le go upolola ngwao ka moduduetso a tshwanela go engwa nokeng gore thulaganyo eo e atlege.

O rotloeditse bomme gore thulaganyo ya bone e anamele le kwa dikoleng tse go thusa go upolola ngwao e e iphithileng koo.

Modulasetilo wa lekgotla la Bomme-ba-Moduduetso, Mme Grace Baiphethi, a re thulaganyo ya bomme ba megolokwane e e nang le maloko a le 32 e simolotswe ka maikaelelo a go netefatsa gore mogolokwane jaaka ditsetla tse dingwe tsa ngwao o a tsosolosiwa.

“Maikaelelo a rona ke go netefatsa gore thulaganyo e, e anama lefatshe lotlhe go thusa go upolola ditalente tse di iphitlheng gore di lemotshege mo setshabeng le go solegela lefstshe leno molemo,” ga tlhalosa Mme Baiphethi.

E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Seeletso Pule wa Gabane o ne a  ikuela mo go bomme go betla mananeo a go thusa go itebaganya le matshwenyego a seemo sa botlhoka tsebe jwa bana jo e leng matshwenyego a morafe.  

A re ka bomme ba tshwere boikarabelo jwa go tsamaisa malwapa, o na le tsholofelo ya gore ba ka thusa go lwantsha dikgang tsa masula a a kgotlelang kagiso mo metseng ya bone.

Kgosi Keabetswe Dihutso wa Mogoditshane ene o rotloeditse Bomme-ba-Moduduetso gore thulaganyo e ba e simolotseng eo e gole e nne le bokao jo bo melediwang mathe.

A re o kopile mo thulaganyong ya tshekatsheko ya molao- motsheo gore baatlhodi ba ditsheko ka go farologana ba sirelediwe ka jaana botlhe ba dira tiro e e tsenyang mtshelo a bone mo diphatseng.

“Re tshela mo gare ga dirukutlhi tse re di atlholang di sa rate, ka jalo seemo se se re tshedisetsa mo poifong ya gore matshelo a rona le ba malwapa a rona ga a a babalesega.” Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : GABANE

Event : Tshimolodiso ya Mokgatlho

Date : 15 Mar 2022