Khamphani e gomotsa ba ba wetsweng ke seru
14 Mar 2022
E ne e le boitumelo jo bogolo ka Labotlhano mo lwapeng lwa ga Mme Nkoketsang Monnawatsheko wa kgotla ya Disana kwa Maun jaaka ba khamphani ya Chobe 4x4 le ba lekgotla la Okavango Human Wildlife Foundation (OHWF) ba ne ba etetse lwapa leo go ba abela dimpho morago ga go tlhaselwa ke kwena ba ile go bapala tswii.
Mme Monnawatsheko le morwadie, ebong Cecilia ba ne ba falola ka bobi jwa segokgo ka Ngwanetsele 2020 jaaka ba ne ba gobadiwa ke kwena ba ile go pabala tswii e ba itshetsang ka yone mo nokeng ya Thamalakane.
Bobedi joo bo ne jwa bona go se gontle fa kwena eo e ba kgomogela e ba tlogela ba sena matsogo.
Mme Monnawatsheko o ne a latlhegelwa ke letsogo la molema fa Cecilia ene a latlhegetswe ke la moja.
E re ka Motswana a rile Modimo ga o fe ka letsogo, ba Chobe 4x4 ba utlwalela mokgosi ka ba lekgotla la Okavango Human Wildlife Foundation le le itebagantseng le go thusa le go gomotsa ba ba gobaditsweng ke diphologolo tsa naga.
Lekgotla leo gape le ruta setshaba ka maele a go fokotsa kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo.
Ba Chobe 4x4 ba ne ba abela lwapa loo dimpho di akeretsa dijo, dikobo, madi le diaparo tse ba ka di rekisang go itirela letseno.
E ne ya re a rola dimpho tseo, mookamedi Rre Kwereka Shamukuni a tlhalosa fa dimpho tseo e le tshimologo ya botsalano le ba lelwapa leo.
A re morago ga go utlwa ka maikaelelo a lekgotla la Okavango Human Wildlife Foundation, o ne a bona go tshwanela go tshologa ba lwapa loo mokgosi ka jaana seemo sa bone sa botsholo se ama.
A re e ne e se la ntlha a thusa ka jaana a tswa kagakala a thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
O boletse fa a thusitse bangwe ba ba tlhokang kwa metseng ya Gweta le Nata, a re bangwe ke ba-tlhoka pono fa bangwe ba sa kgone go bua le go tsamaya mme a bone go tshwanela go netefatsa gore ba tshela botshelo jo bo nang le seriti.
Rre Shamukuni o ne a rotloetsa gape Mme Monnawatsheko go ya go bula letlole la diphitlho kwa setsidifatsing sa Kagiso, a re o tlaa nna a mo duelela kgwedi le kgwedi.
A re go botlhokwa gore motho a nne le phitlho e e nang le seriti mogang malatsi a botshelo a gagwe a welang.
E ne e rile go le pele mongwe wa basimolodi ba lekgotla la Okavango Human Wildlife Foundation, Rre kenosi Kamina a tlhalosa fa ba kopane le lolwapa loora Monnawatsheko ka Phukwi ngogola mme ba ba rekisetsa moono mogolo wa lekgotla leo.
A re ba ne ba ba itsise fa lekgotla leo le ikemeseditse go ruta morafe ka botlhokwa jwa go tshela le diphologolo.
A re e re le ntswa di le borai mo matshelong a bone, sebe sa phiri ke gore ga ba a tshwanela go di bolaya ka jaana di ngoka bojanala.
O boletse fa Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya gore lekgotla leo ga le duele phimolo-keledi mme le thusa fa le ka kgonang teng gore botshelo jwa ba ba gobaditsweng ke diphologolo bo tswelele pele.
Rre Kamina o ne a fa sekai a re e re ka bobedi joo bo gobetse matsogo, ba ka ba thusa ka go ba rekela motshine o o tlhatswang, a tlatsa ka go re tota ba thusa fa puso e tlhaelang teng.
O ne a lebogela maiteko a puso a go thusa ba ba gobetseg ka bongaka jwa maemo a ntlha.
O ne a lebogela ba khamphani ya Chobe 4x4 go bo ba ba tshologile mokgosi.
A re o dumela fa ba lwapa loora Monnawatsheko ba amogetse seemo sa bone mme e bile dimpho tseo di tlaa tokafatsa matshelo a bone. Mme Monnawatsheko le ene o ne a lebogela dimpho tseo a re di tlaa dira pharologanyo mo matshelong a bone.
A re fa e sale morago ga tiragalo, ba tshela ka tshokolo ka jaana a ne a tshedisa bana ka go rekisa tswii kwa mapagamelong a dibese.
Fa a tlhalosa ka se se diragetseng ka letsatsi leo la Ngwanatsele a le 29, a re morwadie le bangwe ba le bane ba ne ba tswa ba ya go pabala tswii jaaka e le tlwaelo.
A re e ne ya re ba tsena kwa nokeng, morwadie ya nna ene wa ntlha go tsena mo nokeng mme a kua a re sengwe se mo tshwere ka lebogo, ya re a atumela a seka a botsa dipotso a itatlhela mo nokeng go boloka morwadie, a tlhaba kwena ka thipa mme ka lesego ya mo tlogela le fa e e ne e mo gobaditse thata.
Mme Monnawatsheko a re e rile a re o tswa mo nokeng a relela mme kwena eo ya mo tshwara lebogo mme a falodisiwa ke mofeti le tsela yo o neng a e ngata ka matlapa mme ya mo tlogela ka dikgobalo tse di masisi.
A re ba ne ba ragosediwa kwa kokelong mme kgabagare ba felela ba sena matsogo. O lebogetse puso go ba ema nokeng ka bongaka mo nakong e e thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Kabo Dimpho
Date : 14 Mar 2022