Molaodi wa Bokone Botlhaba o rera popagano
14 Mar 2022
Molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Gobe Macha o gakolotse banni ba Gulubane le Matenge ka botlhokwa ba go tiisa dikomiti ka go farologana mo metseng ya bone.
A re dikomiti di tshwana le tsa ditlhabololo, ya balemi, ya badirela puso ke tsone di tshwanetseng go nna matlho a bone.
Rre Macha yo a leng mosha mo kgaolong, o buile mafoko a mo diphuthegong tsa kgotla bosheng, fa a ne a itekodisa le go ipega mo banning ba metse eo.
A re se ke nngwe tsela ya go rotloetsa botsalano le tirisanyo mmogo magareng ga gagwe le banni ba kgaolo.
O ne a supa fa dikomiti e le tsone di lomaganyang setshaba le maphata ka go farologana, a kaya fa go tiya ga tsone go ka thusa gore dingwe tse di ba amang mo metseng di goroge kwa go bone ka nako.
Ka jalo, Rre Macha o ne a gakolola dikomiti go nna tlhaga le go tsaya boikarabelo jwa go lekodisa ba ba maleba ka matshwenyego a banni, a re le ene fela jalo ba gololesege go ka mo lekodisa ka sepe fela se se ba tshwentseng ntle le tiego.
O ne a ba gakolola kgatlhanong le go nna ba hupetse ka matshwenyego, ba re ba emetse diphuthego tsa mopalamente, a supa fa matshwenyego mangwe e le a a ka rarabololwang gone foo.
O bile a ba kopa go leka bojotlhe go tsosolosa dikomiti tsotlhe tse di ka tswang di phutlhame kana di ngodiega.
Fa a itebaganya le tse dingwe, Rre Macha o ne a tsibosa banni ba metse eo ka thulaganyo ya palo-batho le ka lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go phutha megopolo mo Batswaneng tebang le tshekatsheko ya molao-motheo.
Go ntse go le foo, molaodi o ne a ba rotloetsa go dirisa didirisiwa tse di nang le boleng fa ba aga matlo gore a kgone go emelelana le dibetso tsa tlholego.
Molaodi o ne a patilwe ke baemedi go tswa mo maphateng a puso le makalana a a ikemetseng ka go farologana, ba le bone ba neng ba nna le sebaka sa go tlhatlhelela morafe ka ditirelo tsa maphata a bone le go araba dingongora dingwe.
Ka jaana go twe ngwana yo o sa leleng o swela tharing, banni ba ne ba lebisa molaodi matshwenyego le go kopa ditlamelo dingwe.
Ba ne ba supa fa ba tshwentswe ke dituelo tsa metsi tse di kwa godimo, tse ba di lopiwang ke Water Utilities Corporation, bangwe ba supa fa ba makadiwa ke go bo le mo malwapeng a go senang batho mo go one, dikoloto di tla di le kwa mankalankaleng.
Kgosana nngwe ya Matenge, Rre Thebe Matenge o ne a supa ba Water Utilities Cooperation ka monwana, a re ba na le go kgaolela batho metsi fa ba kolota ntle le therisanyo epe.
A re o bona go le botoka gore ba tsibose motho ka sekoloto sa gagwe, pele ga ba ka tsaya kgato ya go kgaolo metsi.
Banni ba re se se utlwisang botlhoko ke go bo go na le diphaephe tse di dutlang di le dintsi mme ba Water Utilities Corporation ba di itlhokomolositse le ntswa ba begelwa ka tsone gangwe le gape, ba re seo se ba fa pelaelo ya gore ditshenyegelo tsa metsi ao a a tshologang, di akarediwa mo dituelong tsa bone.
Fa a ba kgwa kgaba, modiri go tswa kwa Water Utilities Corporation, Mme Koziba Moroka o ne a re modirisi wa metsi o tshwanetse a itlama go duela metsi kgwedi le kgwedi go tila go kgaolelwa.
Le fa gontse jalo, Mme Moroka o ba gakolotse gore fa ba na le dipelaelo dingwe mabapi le dituelo tsa bone, ba nne ba etela kwa diofising tsa Water Utilities Corporation gore go batlisisiwe ka dingongorego tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : GULUBANE
Event : Tholo ya Molaodi
Date : 14 Mar 2022