Breaking News

Mopalamente o ba akgolela go tshwaragana

14 Mar 2022

Ba-na-le seabe ba akgoletswe go supa mowa wa tshwaragano ka go tlhoka go ipona tsapa jaaka fa ba ne ba sela matlakala go phepafatsa Palapye.

Fa a bua le ba-tsaya karolo bao bosheng, mopalamente wa Palapye, Rre Onneetse Ramogapi o tlhalositse fa motse o sa lebege sentle ka ntlha ya matlakala a a gasagasameng.

Ka jalo Rre Ramogapi o ne a ba kgothatsa ka letshego la boraro la tebelopele ya lefatshe ya 2036 la tikologo e e phepa, a tlhalosa fa le bua ka bophepa le go  itekanela ga tikologo. 

A re ka jalo tiro e ba e dirileng ya go phepafatsa e diragatsa maitlamo a pilara eo.

O ne a tlhalosa fa go ya ka molao wa tikologo go ne go akanyeditswe gore lefuti la matlakala la morafe le epiwe kwa Lemole, mme seo se ne sa retela morago ga dikgakololo tsa banni ba koo ka ba kaile fa go na le letamo le ba nwang e bile ba nosa mo go lone koo.

Rre Ramogapi o tlhalositse fa seo se sa ree gore ba phuthe matsogo. 

O ba kopile gore go sikwe lefelo le sele le morafe o ka le amogelang gore go ka latlhelwa matlakala kwa go lone ka le le ntseng le le teng la Mmalenakana le tletse.

Kgosi Samuel Maforaga wa Serorome o rotloeditse banni gore ba seka ba latlhela matlakala gongwe le gongwe ba dirise ditanka tse di beetsweng morafe.

Rre Maforaga o ne gape a re o tshwenngwa ke matlakala a a tshwanang le metseto le masalela a metsoko a a tlhalositseng fa a sa latlhwe sentle go sa lebelelwa le diphatsa tse di ka kgotlhelang tikologo.

Fa a amogela dimpho le go akgola dikhamphani tse di nnileng le seabe mo tirong ya go phepafatsa, modulasetilo wa Palapye Administrative Authority, Mme Khumoyame Lekoko o solofeditse fa khansele e itlamile go gasama le dikgaolo tsotlhe tse di masome a mabedi le borobabobedi go phepafatsa motse.

Mokhanselara wa Serorome Bophirima, Rre Thabo Seomile o ne a leboga botlhe ba ba tsereng karolo a ba a kgothatsa banni ba kgaolo ya gagwe go tswelela ka go phepafatsa. 

O ba kopile go dirisa ditanka tse ba di abetsweng ka fa tshwanelong.

Rre Seomile o tlhalositse fa go na le tlhaelo ya ditanka tse ditona tsa matlakala, a tlhalosa gore fa di ka nna teng tiro e ka tlhofofala. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Simane

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya Mopalamente

Date : 14 Mar 2022