Paakanyo molao-motheo ke ya botlhe - Khama
14 Mar 2022
Banni ba Dimajwe le Mmashoro ba kopilwe go tsaya karolo mo tshekatshekong ya molao-motheo, ka e le tshwanelo ya bone.
Mopalamente wa Serowe Bophirima, Rre Tshekedi Khama o dirile kopo eo fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng.
Rre Khama a re lekoko la tshekatsheko ya molao-motheo le tlhokana le megopolo ya Batswana, ka jalo ba seka ba tshaba go ntsha ya bone, a re e ka thusa thata.
O ba gwetlhile go ntsha tse di ba tshwenyang mo molao-motheong, le gore di ka baakanngwa jang.
Rre Khama o ne gape a rotloetsa banni go tsaya mokento wa COVID-19, a re ba botsogo ba supile fa batho ba tla ka go rotha, bogolo jang go tsaya mokento wa tlaleletso.
Fa ba tswa la bone, banni ba ne ba supa matshwenyego ka tsela e e tshwaraganyang Dimajwe le Mmashoro, ba bolela fa e na le dingwaga e sa gopiwe.
Ba re seemo sa tsela eo se ba rontsha ditlamelo dingwe.
Kgosi Kebonemang Kebadiretse wa Dimajwe o ne a kopa khansele go gopa tsela eo.
A re ga ba kgone go tsisediwa didirisiwa tsa kago mahala jaaka pele, ka beng ba madirelo a ba rekang mo go one ba supa fa tsela eo e senya dikoloi tsa bone, ka jalo ba felela ba duela dikoloi tsa batho go ba thusa.
Kgosi Kebadiretse a re ntlha e nngwe e e ba tshwentseng ke go tlhoka ditsha tsa bonno, a re bontsi jwa bone ba felela ba nna ba le bantsi mo malwapeng, mme seo se feletse se baka dikgotlhang.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mmashoro, Rre Goemeone Ratonki o ne a itsese mopalamente fa go na le bothata jwa letlhoko la matlo a boroko jwa badirelapuso.
A re bangwe ba felela ba nna kwa Serowe, mme se se ka feletsa se dira gore maduo a sekole a koafale.
Modulasetilo wa lekgotla le lebotlana la kabo-ditsha la Paje, Rre Thapelo Dithebe o ne a supa fa lekgotla le lone le tshwenngwa ke kgang ya go tlhoka ditsha, e a reng e aname lefatshe ka bophara.
O ne a tlhalosa fa lekgotla le santse le emetse mealo go tswa kwa khanseleng-potlana ya Serowe, a ba kopa gore ba seka ba fela pelo ka ditsha di tlaa ajwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MMASHORO
Event : Phuthego ya Mopalamente
Date : 14 Mar 2022