Breaking News

Bomme ba tshwanetse go ikemela ka dinao - Teemane

14 Mar 2022

Bomme ba toropo ya Selebi Phikwe ba kgothaditswe go emela ditshwanelo tsa bone ka dinao gore matshelo a bone a tokafale.

Dr Sinah Teemane o ba kopile jaana kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke ba ofisi ya bong mo Selebi Phikwe go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la bomme.

Dr Teemane yo e leng mogokaganyi wa mokgatlho wa kutlwelobotlhoko wa Good Samaritan kwa Selebi Phikwe, o supile fa bomme ba gateletswe ke lehuma go fetisa borre ka bontsi jwa bone e le bone ba tlhokometseng malwapa le ntswa ba sa bereke.

Dr Teemane o tlhalositse fa phetogo ya loapi e amile mafatshe ka bophara mme se se nyemisa bomme moko ka matshelo a bone a ikaegile ka di-tsa tlholego tse mo nakong ya gompieno di gomagomediwang ke go nyelela.

A re fa e sale go tswalwa  moepo wa BCL ka 2016 bomme ba Selebi Phikwe ba ne ba inaakanya le go bapala phane go inamola leuba.

O supile fa mo nakong e e fetileng phane e ne e le yone kgomo ya ga mme e e neng e mo thusa go tlhokomela ba lolwapa mme e sa tlhole e le teng ka ntata ya dipula tse di sa ikanyegeng.

A re le fa go ntse jalo puso e ne ya tswa ka mananeo a a itebagantseng le go ntsha bomme mo lehumeng mme a ba rotloetsa go a dirisa gore a ba tswele mosola.

E ntse e le kwa moletlong oo, Mme Ketaaroma Moshe wa mogwebi o ne a kgothatsa bomme go tlhama dikgwebo go tshetsa ba malwapa a bone.

Mme Moshe o supile fa a butse kgwebo ya Trust Radiator Clinic e e dirang ka ditshipi ka nako e e neng e le thata ya go tswalwa ga moepo wa BCL mme a berekile ka thata gore e bo e le mo maemong a e leng mo go one.

A re kgwebo e a leng mo go yone go ne go dumelwa gore ke ya borre mme o ne a phunyeletsa a supa fa bomme le bone ba na le bokgoni jwa go e dira.

O ne gape a kgothatsa bomme go emisa go iteba dinala ka dinako tsa gompieno di le thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Ipelelo Letsatsi La Mafatshefatshe La Bomme

Date : 14 Mar 2022