Go gana go balwa ke molato
13 Mar 2022
Mokwaledi wa komiti e e baakanyetsang palo-batho, Rre Thuso Ernest o tlhagisitse banni ba metse ya Lerala, Majwaneng le Ratholo gore go gana go balwa ke molato.
O ba tlhagisitse jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di rulagantswe ke komiti e e baakanyetsang palo-batho go tsibosa morafe go ipaakanyetsa tiro eo, bosheng, a tlatsa ka go re go botlhokwa gore morafe o ipaakanyetse go balwa.
O tlhalositse gore mongwe le mongwe o balelwa kwa a leng teng.
A re dipalo ke tsone di ngokang ditlhabololo gape bagwebi ba tsaya ditshwetso tsa go dira kgwebo mo mafelong ba kaelwa ke dipalo tsa batho.
O ne a supa gore tshwetso ya go sekaseka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi e dirwa go lebelestwe dipalo tsa batho.
Rre Ernest a re go balwa batho botlhe, go akarediwa le batswakwa ba ba nnang mono.
A re Batswana ba ba kwa ntle ga lefatshe leno le bone ba a balwa.
Fa bam o kgwa dikgaba, banni ba ne ba re go botlhokwa gore batho ba balelwe kwa magaeng a bone, e seng kw aba nnang teng ka jaana go dira jalo go rontsha mafelo mangwe ditlhabololo ka gore dipalo di a ngotlega.
Ba ne ba ikuela gore motho a bodiwe gore o tswa kae gore a akarediwe mo palong ya kwa a tlholegang teng.
Ba kopile gore mop along ya batho e e tlaa tlang morago ga dingwaga tse some go sekasekwe gore a batho ba ka seka ba balelwa kwa magaeng a bone.
Le fa go ntse jalo, banni ba lebogetse therisanyo e ba reng e tlaa ba thusa gore ba kgone go ipaakanyetsa tiro e. Mongwe wa banni ba Lerala, Rre Leruo Matlala o ne a kopa gore morago ga palo ya batho, morafe o rolelwe gore tiro eo, e tsamaile jang le tse di lemogilweng ka motse wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 13 Mar 2022