Maloko a VDC a tshwanetse go nna le boikarabelo - kgosi
13 Mar 2022
Mothusa kgosi wa Masung, Kgosi Thabo Monaga o gakolotse morafe wa motse oo kgatlhanong le go tlhopha maloko a dikomiti tsa ditlhabololo ba lebeletse bosika le botsala.
A re ba tlhophe batho ba ba boikanyo, ba na le boikarabelo mmogo le tebelopele, e bile ba nonofetse go ka thusa motse go gatela pele mo ditlhabololong.
Kgosi o ne a bua mo bokopanong jwa go tlhopha dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse wa Masunga ka jaana kgaolo ya Bokone Botlhaba e simolotse go tshwara ditlhopho tsa maloko a dikomiti tseo.
Ditlhopho tse, di tsamaisiwa ke ba lephata la boipelego la khansele, mme di simolotse go tshwarwa kgwedi e roba bongwe mo metseng ya kgaolo eo e le masome a mane le boraro.
Di tlaa fela kgwedi eno e le lesome le bosupa. Dikomiti tse di tlaa bereka mo sebakeng sa dingwaga tse tharo.
Kgosi Monaga o ne gape a lebogela maloko a dikomiti tse pedi tsa motse oo tse di neng di sutela tse di sha, tirisanyo mmogo mo nakong ya fa ba tshwere tiro.
Kgosi a re fa e sale dikomiti tseo di tsena mo ofising, ga go ise go ke go nne le kgopakgopano epe, ka moo a gwetlha maloko a a tsenang go gata mo dikgatong tseo.
Masunga o na le dikomiti tse pedi tsa VDC, tse di kgaoganyeng motse ka bogare, bokone le borwa.
Maloko one a masome mabedi.
Kgosi Monaga o ne a supa fa maloko a VDC a dira ka mowa wa boithaopo gape a eteletse kwa pele tsamaiso ya ditlhabololo mo metseng.
A re ka jalo o eletsa dikatso tsa bone di ka sekasekwa go tsamaelana le mokgweleo wa tiro ya bone.
Modiri wa lephata la boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Meshack Mosebola o ne a itsese banni fa ditlhopho tsa VDC di tsamaisiwa ka fa tlase ga melawana e e tsamaisang dikomiti tseo, ka jalo a ba tlhatlhelela ka tse di solofelwang mo malokong a VDC le tse di lebelelwang mo mothong go mo letla go nna leloko.
A re sengwe se se letlang motho go nna leloko, ke gore a bo a itse go bala le go kwala, a le dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa godimo, a tlatsa ka go re baagedi bone ba ka ipatla mo bolokong jwa VDC fela fa ba digetse dingwaga tse pedi a nna mo motseng.
Go sale foo, Rre Mosebola o rile khansele e na le dithata tsa go gogela kwa ntle leloko lepe le le ka ganetsanang le se leloko le tshwanetseng go se dira.
Le fa go ntse jalo, a re fa leloko le ka lemoga fa boikarabelo jwa VDC bo gotlhagotlhana le tiro ya gagwe ya tsatsi le letsatsi, le gololesegile go ka kwalela komiti go e itsese fa le eletsa go ikgogela morago mo bolokong, ka jalo la tshwanelwa ke go apola boloko mo malatsing a le masome a marago a sena go isa mokwalo.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Masunga, Rre Edward Gazageni o gakolotse maloko a a tlhophilweng go ntsha maduo, mo mosepeleng wa bone wa go tsweledisa fa dikomiti tse di duleng di emeng teng.
Mokhanselara Gazageni o ne a gakolola ba ba sa tlhophiwang gore ba seka ba hularela kgotla, ba tswelele ba direla motse wa bone.
Di VDC tseo ka bobedi, tse di sa tswang go tlhophiwa, di laetswe go rulaganya diphuthego tsa tsone ka go farologana mo nakong e e sa fediseng pelo go tlhopha khuduthamaga ya tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Bokopano
Date : 13 Mar 2022