Breaking News

Kgokgontsho e ngomola pelo

13 Mar 2022

Dikgang tsa kgokgontsho ya bong, bogolo jang tsa go imisiwa ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase mo kgaolong ya Morolong di ngomola pelo.

Se se botlhoko ke gore bana ba ba imisiwa ke batlhokomedi ba bone jaaka bomalome le masika a mangwe a a gaufi thata le bone.

Mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Good Hope, Mme Peggy Kutlase o buile mafoko a jaaka a ne a lekodisa mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi yo o neng a patilwe ke matona a mangwe a puso le bogogi jwa kgaolo eo ka dikgang tsa bong mo kgaolong.

Fa a ema morafe o o neng o phuthaganetse mo kgotleng kwa Tlhareseleele ka Laboraro mo mosong go ipelela letsatsi la bo mme la mafatshe, mothusa molaodi o ne a tlhalosa gore bomme le bana ba basetsana ba kgaolo eo ba lela sa mahutsana ka jaana kgokgontsho e le maswe thata.

Mme Kutlase o ne re e re ka bana ba ima ba le bannye ba ise ba gamoge ditlhaloganyo, ba felela ba palelwa ke go tlhokomela bana, a tlatsa ka go re bomme ba kgaolo eo bontsi jwa bone ba gateletswe ke lehuma, seemo se a reng ke sone se dirang gore ba ineele thata mo kgokgontshong le kgatelelo e ba iphitlhelang ba le mo go yone.

O tladitse ka go re bomme ba ketekwe mo go ngomolang pelo, a re seo se diga seriti sa motho wa mme le gone go tsaya maemo a se mme a neng a ka se dira.

Mothusa molaodi a re le fa go ntse jalo, bogogi jwa kgaolo bo leka go emisa kgokgontsho eo.

O supile f a Mohumagadi wa ga tautona a ba tiisitse moko ka go etela kgaolo ngogola go bua ka tsone dikgang tsa kgokgontsho.

Mme Kutlase a re go na le komiti ya bong e mo go yone go nang le borre le bomme ba ba ititeileng sehuba go ruta le go tsibosa setshaba ka dikgang tse, mme a re dikomiti tsa mohuta oo di fitlhelwa mo metseng e le mmalwa ya kgaolo eo.

Mothusa molaodi o tlhalositse gore e re le ntswa go ntse jalo, go a nametsa ka jaana go na le ditlhopha tsa bomme go ralala kgaolo eo tse di lekang ka thata go ikinola mo lehumeng.

O supile fa bangwe ba itshetsa ka go lema ditlhare, go apaya marotho le go loga gareng ga tse dingwe.

E ne e rile go le pele Kgosi Lotlaamoreng II wa Barolong a a amogela baeng a gatelelela gore bomme ba botlhokwa mo matshelong, ke ka moo go leng maleba gore ba fiwe tlotla le lerato.

Kgosi Lotlaamoreng o ne a supa fa nako e fitlhile ya gore go itshekatshekwe, go akanngwe sesha mme kgokgontsho e emisiwe mo go bomme. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : GOOD HOPE

Event : Phuthego

Date : 13 Mar 2022