Breaking News

Letlelelelang manyalo a batho ba boleng bo le bongwe

13 Mar 2022

 Lekoko le le rumilweng ke Tautona go sekaseka molao-motheo le tsweletse ka motseletsele wa diphuthego tsa lone go mo metseng ka go farologana, go utlwa megopolo ya Batswana ka dipaakanyo dipe tse ba eletsang di ka dirwa mo molao-motheong. 

Mongwe wa megopolo e Batswana ba e beileng pele lekoko ke wa go letlelela batho ba ba ratang ka bong bo le bongwe fela.

Go fitlha jaana, go papametse gore palo e ntsi ya batho ba ba setseng ba ntshitse maikutlo a bone ka kgang e, ba kgatlhanong le yone. 

Ba tlhalosa fa go letlelela lenyalo la batho ba bong jo bo tshwanang e se setswana ebile e se sekeresete. 

Le fa go ntse jalo batho bangwe jaaka Rre Bakgatla Molefi wa motse wa Mabalane bone ga ba dumalane le maikutlo a ba ba kgatlhanong le lenyalo la mothale o. 

Go ya ka Rre Molefi, kgang ya go nyalana ka bong jo bo tshwanang ke kgang ya ditshwanelo tsa setho. 

Mo godimo ga moo, Rre Molefi a re setshaba se tshwanetse go tlhaloganya gore ba ba iphitlhelang ba le mo seemong seo ga se bone ba ba dirileng gore e be ba ntse jalo.

“Ba tshotswe ba ntse jalo jaanong re tshwanetse ra ba amogela ka fa ba ntseng ka teng,” a tlhalosa. 

A re go botlhokwa gape go lemoga gore go nna kgatlhanong le manyalo a mohuta o go ka bakela lefatshe leno ditlamorago tse di sa siamang jaaka kgaosetso dipapadisanyo ke mafatshe a mangwe, se a rileng seka babalela itsholelo ya lefatshe leno. 

Rre Molefi a re go ratana ka bong jo bo tshwanang go tswa goo-lowe ka jalo ope a sena tshwanelo ya go gataka ditshwanelo tsa batho ba bangwe fela ka gore ba farologana le bone ka sebopego. Batho ba ba ratanang ka bong jo bo tshwanang go ya ka Rre Molefi bana le maikutlo fela jaaka mongwe le mongwe ka jalo le bone ba tshwanetse ba gololesega go tshela ba phuthulogile. 

A re go letlelela lenyalo la mohuta o ka fa molaong go tlaabo go le lebanye ka molao-motheo o tlaabo o letlelela batho botlhe go tshela ka fa ba eletsang ka teng ba sireletsegile ebile ba sa kgopakgopediwe ke ope. 

Fela jaaka bangwe, a re go sa amogele batho ba go nna jalo go felela go dira gore bangwe ba bone ba nyale go ya ka dikeletso tsa setshaba mme manyalo a go nna jalo a felele a padile ka gore ba a bo ba patikwa ke setshaba go tsena mo manyalong kgatlhanong le dikeletso tsa bone. 

O gateletse ka gore setshaba se tshwanetse gape sa rekegela maikutlo a batho ba go nna jaana ka ba felela ba amegile maikutlo mo go tseneletseng mo bangwe ba bone ba felelang ba ikgapela matshelo. 

Le fa go ntse jalo, Rre Molefi o supile fa a na le tsholofelo ya gore Batswana ba tla a felela ba tlhalogantse matswakabele a kgang e mme ba amogele manyalo a mohuta o. 

Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : MMATHUBUDUKWANE

Event : Commission of Inquiry Review

Date : 13 Mar 2022