Breaking News

Ba batla lenyalo la lefufa le letlelelwa

10 Mar 2022

 Mongwe wa dibui kwa phuthegong e lekoko la tshekatsheko ya molao-motheo le le romilweng ke Tautona le neng le kopane le  Bakgatla kwa motseng wa Bokaa maabane o kopile gore molao-motheo o rebole nyalo ya lefufa.

Rre Mabe Buisanyang wa motse wa Rasesa a re seo se ka thusa thata go fokotsa tlhalano, mme ebile go ka fa bomme sebaka sa go nyalwa ka jaana palo ya bone e feta ya borre, mme seo se raya gore bontsi jwa bone bo ka felela bo sa nyalwa fa nyalo ya lefufa e ka seke e letlelewe.

Mo kgannyeng e sele o ne a kgwa mathe go tlhoka go lekalekana ga merafe mo matlhong a molao wa lefatshe leno.

Rre Buisanyang a re go thona go bo merafe mengwe e kaiwa e le megolo mo go e mengwe.

A re go tlhoka tekatekano moo, mo a kaileng fa go gakaditswe ke babusi ba bokolone ba a reng ba ne ba go dirisa go kgaoganya merafe gore go tle go nne bonolo go e laola, go tshwanetse ga fedisiwa.

Fa a latlhela la motla-pitsong Rre Ranthapo Mogome o ne a tlhalosa fa lefatshe leno le humile kabakano e ntle ya merafe le dingwao tse di farologanyeng, selo se a boletseng fa se tshwanetse sa tlotlomala sa ba sa supega bontle ka boloko jwa Ntlo ya Dikgosi.

A re merafe yotlhe e e nang le bogosi jo bo tsalelwang e tshwanetse ya nna le kemedi kwa Ntlong ya Dikgosi.

A re le yone Ntlo ya Dikgosi e tshwanetse ya tsholediwa seemo ya ba ya tseelwa kwa godimo ka ntlha ya botlhokwa jwa bogosi mo go ka thuseng banni ba metse go bopa le go dumalana ka megopolo mo dikgannyeng tse di botlhokwa tse di amang setshaba.

Rre Daniel Mosweu, ene o ne a supa fa katlholelo leso e sa siama ka jalo e tshwanetse ya emisiwa.

Rre Mosweu a re go bolawa ga motho go tsisa bohutsana jo bo garolang pelo mo lwapeng mme ka jalo go se maleba gore puso e bo e bolaya yo o bolaileng ka seo se tlaa boa se lere khutsafalo mo lwapeng le lengwe gape.

A re go iletsa go jwala khutsafalo mo malwapeng a mantsi, katlholelo leso e tshwanetse ya emisiwa ka ebile go itsege fa bosula bo sa tshwanela go busolosediwa ka jo bongwe.

Rre Joseph Ramorwa o ne a ganana le mogopolo wa gore palo ya merafe e e lemogwang ke molao-motheo e okediwe, a re seo ga se a tshwanela ka merafe e megolo e e robangbobedi e na le mafatshe a yone mme e  file e mebotlana boagedi mo go yone.

Mo ntlheng e sele, o ne a re molao o letle bomme b aba tsetsweng mo malwapeng a segosi go ka tsaa ditilo tsa bogosi fa di ba lebane.

Rre Ramorwa a re go thona go bo bomme ba sa letlesege go ka nna dikgosi mo merafeng mengwe mo lefatsheng leno.

Kgosi Sue Mosinyi wa motse wa Bokaa o ne a kopa gore molao o tlame gore o kwalwe ka diteme tsotlhe tse di buiwang mo lefatsheng leno gore motho mongwe le mongwe a nne le sebaka sa go o ipalela a bo a ka o tlhaloganya botoka.

Go sale foo, Kgosi Mosinyi o supile fa setlankana sa lenyalo la Setswana se tshwanetse sa tshwana go ralala lefatshe, eseng jaaka mo nakong eno mo se farologanang go ya ka merafe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : BOKAA

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 10 Mar 2022