Kepo ya motlhaba e babalela noka
10 Mar 2022
Go epiwa ga motlhaba mo nokeng ya Motloutse mo go dirwang go sa rekegelwe boleng jwa tikologo go tshwentse banni ba motse wa Tobane.
Mongwe wa bagolo ba motse o, Rre Ponego Bafana a tlhalositse gore na le dingwaga di feta masome a roba bobedi a nosa leruo mo nokeng ya Motloutse ka e ne e tshwara metsi ka lobaka.
Le fa go ntse jalo, Rre Bafana a re e sale go simololwa kepo ya motlhaba mo nokeng ya Motloutse ga e sa tlhole e tshwara metsi jaaka pele.
O tsweletse a re se se ngomolang pelo ke gore go kgala ga noka ya Motloutse ga go a babalela bauri fela ka gore balemi bangwe ba temo ya nosetso le bone ba setse ba telwa ke boitlhobogo ka ba tlhaelelwa ke metsi.
Morafe o dirile boikuelo mo phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke modulasetilo wa lekgotla le le potlana la kabo ditsha la Mmadinare ka Labobedi.
E rile a ba kgwa dikgaba modulasetilo wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Mmadinare, Rre Mookodi Mogwera a kopa morafe go thulanya ditlhogo go bua ka lentswe le le lengwe gore selelo sa bone se kgone go reediwa.
Rre Mogwera a re sepe se se dirang ntle le morero le go sala tsamaiso morago se tshwanetse sa rarabololwa.
O tlhalositse gore tsamaiso ke go dira morero le morafe, pele go ka tsewa ditshwetso tse di ka felelang di ama matshelo a batho a tsatsi le letsatsi bogolo jang ka Batswana ba ikaegile ka temo –thuo.
Mo go tse dingwe Rre Mogwera o ne a sedimosetsa banni ba Tobane gore lefatshe le le neng le segilwe la peo ya ditsha tsa bonno le setse fedile morago ga go aba ditsha di feta 400.
Ka jalo, Rre Mogwera a re go tlhoka gore ba thulanye ditlhogo go batla lefatshe go tsweledisa peo ya baikopedi.
Le fa go ntse jalo, Rre Mogwera o supile fa go santse go tshwenya go bona Batswana ba tsweletse ka go rekisa lefatshe.
Rre Mogwera o ba tlhagisitse gore ba lemoge gore ba ba rekisang ditsha jalo ga bana go fiwa sebaka sa go abelwa ditsha tsa bonno gape.
Mokwaledi wa lekgotlana la kabo ditsha la Mmadinare, Mme Kainayang Jobe o tlhagisitse go emisa mokgwa mokgwa wa thiba diphatlha tse di tlogetsweng fa gare ga malwapa le masimo.
Rre Jobe are go dira jalo ke molato. A re ba ba tswetseng diphatlha tse fa gare ga masimo le dijarata ba baakanye seemo seo, pele ba tseelwa dikgato tse di gagametseng. A re sekgele se se tlogelwang fa gare ga masimo le malwapa, ke sa ditsela le ditlhabololo tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : TOBANE
Event : Potsolotso
Date : 10 Mar 2022