Breaking News

Makhanselara a ngongorega ka ditlamelo

10 Mar 2022

Makhanselara a legare a ngongoregile ka ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa mo dikgaolong tsa bone, ba re di bonya, le mororo di le mo lenaneong la ditogamaano.

Ba ntshitse dingongorego tseo mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng ka tiriso ya maranyane bosheng. Ba boletse fa batlhophi ba sa tlhole ba  ba tshepha ka gore ba nna ba ba bolelela fa ditlamelo di tla dirwa, mme morago go nne madiadia.

Bontsi ja makhanselara ba boletse fa dikago dingwe mo dikgaolong tsa bone di tlogelwa di sa felela, fa tse dingwe di sa direga sentle.

Ba boletse gape fa ditsela tsone di sa tsamaege, bogolo jang fa gare ga metse le ditsela tse di yang ko metsaneng le metse ya ko tengnyanateng.

Makhanselara ba ngongoregile gape ka nako e telele e lephata la kabo ditsha le e tsayang go abela Batswana ditsha, bogolo jang banana.

Mokhanselara wa Mmutlane /Bonwapitse, Rre Outule Segolame o boletse fa ko motseng wa Mmutlane ba ntshitshe lefatshe fela le le tona gore le abelwe batho, mme ba kabo ditsha ba ntse moriti o tsididi fela.

O boletse gape fa ba turelwa ke go lata dithuso tsa makalana a tshwana le LEA, CIPA le CEDA ko Palapye le Serowe, a bolela fa makalana ao a ka bo isitswe gape ko Mahalapye.

Mo go tsa thuto, Rre Segolame o boletse fa bana ba Mmutlane le Bonwapitse ba tsena sekole se se segolwane ko Ramokgoname, ko go leng kgakala gore batsadi ba kgone go etela le go lekola bana ba bone.

O kopile gore go feleletswe kago ya matlwana a boroko ko sekoleng sa Kalamare, gore bana ba tsene teng ka go gautshwane.

O ngongoregile gape ka motlakase o o kgaogang gangwe le gape ko metseng ya Bonwapitse le Mmutlane, mme a kopa gore seemo se tokafadiwe.

Fa mokhanselara wa Mathathane, Rre Meshack Makgosa, ene a boletse fa balemisi le bakenti ba tlhoka dikoloi tse di ka ba isang ko masimong le meraka go thusa balemi-barui ka fa tshwanelong.

Rre Makgosa o boletse fa balemi ba tlhasetswe ke seboko se se nyeomang mo masimong, seemo se a reng se tlhoka balemisi.

O boletse gape fa ba tlhorontshiwa ke ditlou tse di senyang masimo, di kgaola diterata le go senya didiba tsa bone.

Fa mokhaselara Johannes Gaosekelwe ene a boletse fa lephata la kabo ditsha le rotloetsa bo-maipaya-fela ka gore ba nyoretswe ditsha ko motseng wa Moletemane.

A re ba kopa gore batho, segolobogolo banana, ba thusiwe ka bofefo. Rre Gaosekelwe o boletse gape fa bogodu ja leruo bo ba apesitse kobo ka letshoba ko Moletemane, a kopa gore ba lekoko la ‘Kgomokhumo’ ba ba etele.

Bontsi ja makhanselara bone gape ja ngongorega ka tlhaelo ya melemo le dingaka mo dikokelong le go tlogela dithuto ka bontsi ga bana ba ko metse ya tengnyanateng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Tshiamiso Mosetlha

Event : Phuthego ya khansele

Date : 10 Mar 2022