Breaking News

Dikereke di rapela kgatlhanong le dikotsi

10 Mar 2022

Makgotla a dikereke kwa Matsheng ba gwetlhilwe go tsaya karolo mo go emeng kgatlhong le dikotsi tsa ditsela, tse di tsweletseng ka go gapa matshelo bogolo jang a banana.

 Mogolwane go tswa kwa lephateng la ditsela, dipalamo le tsa ipabalelo tseleng, Mme Tlamelo Tsie-Mokibe, o buile seka Labobedi jaaka a gwetlha makgotla a dikereke go tsaya karolo mo go emeng kgatlhong le dikotsi tsa ditsela.

Dikereke kwa Matsheng, ba ne ba phuthaganetse go rapelela dikotsi tsa ditsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho.

Mme Tsie-Mokibe a re, lefatshe leno le apesitswe kobo ka letshoba ke dikotsi tsa tsela tse di gapang matshelo a setshaba ka bokete, se se serurifadiwa ke ditshekatsheko tsa bone le ba sepodise tse di supileng fa banana e le bone ba amegang ka dipalo tse di kwa godimo.

Ka jalo, a re seemo seo, se a tshwenya ka jaana, go amega bone ba ba tla tsogang ba eteletse lefatshe leno pele mo isagong.

A re go le gantsi, o fitlhela dikotsi tse di bakwa ke go iphetisa dino, go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng le gone go sa obamele matshwao a tsela.

A re ofisi ya ditsela, dipalamo le tsa ipabaleleo tseleng ba lomile ka meno mme ebile ga ba na go swa lentswe ka go anamisa melaetsa le go nosetsa thuto ka botlhokwa jwa tsa ipabalelo tseleng.

 Mme Tsie-Mokibe a re ntswa ba dira maiteko a go nosetsa thuto ka tsa ipabalelo tseleng ,ba tlhokana le tshwaragano go tswa kwa makalaneng a farologaneng jaaka a dikereke.

O ne a supa fa mo dingwageng tse di fetileng, seabe sa dikereke se ne sa iponagatsa ka manontlhotlho mo tseleng ya Gaborone–Francistown fa lefelong la Mmamashia.

A re lefelo leo, le ne le setse le tumile ka go diragala ga dikotsi tse di neng di setse di feta dithapo tsa leselo.

A re seemo se ne sa kokobela morago ga gore dikereke di tshware merapelo mo lefelong leo.

Ka jalo, o ne a rotloetsa dikereke go seke ba ipone tsapa, go tsweledisa serodumo sa bone sa go ema kgatlhanong le dikotsi tsa ditsela go ralala lefatshe leno ka bophara.

Fa a fa maikaelelo a letsatsi leo, Moruti Ewetse Tsheko, o ne a tlhalosa fa bokopano joo, e le jone jwa ntlha go tshwarwa mo kgalong ya bone.

A re mme manokonoko a dikotsi tsa tsela di ama setshaba ka kakaretso ka jalo, ba bone go le maleba gore ba tshwaragane le goromente go ema kgatlhanong le dikotsi tsa ditsela.

O ne a re maikaelelo ke go tshwara merapelo eo, ngwaga le ngwaga go anamisa melaetsa ya ipabalelo tseleng gammogo le gone go gopola bao, ba tlhokafetseng ka ntata ya dikotsi tsa ditsela.

Moruti Tsheko, o ne  a gwetlha dikereke ka go farologana go tshwaraganela tiro eo, sebe sa phiri e le go thusa go boloka matshelo  a setshaba ka thapelo.

Mookamela mapodise a Tshane Superintendent Vusimuzi  Jorowe, o ne a supa fa ba nnile le dipalo tsa dikotsi tsa ditsela di le masome a mabedi le bosupa mo ngwageng wa 2020-2021 mo kgaolong ya Kgalagadi bokone.

A re Kang ba ne ba gatisitse dikgetsi di  le tlhano fa Hukuntsi tsone di ne di le masome  a mararo le bosupa, mme ka lesego go ne go sena tse di gapileng matshelo.

O ne a gwetlha makalana a ikemetseng go tshwaraganela tiro ya go lwantsha borukutlhi le ba sepodise, gore kgaolo e robalelwe ke ditlhokwa.

Mo mafokong  a gagwe a kgothatso, Moruti Thabiso Botlhale o gwetlhile setshaba go ikaega ka Modimo mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi.

A re go dira jalo, go tla thusa go falola dihawa di tshwana le tsone dikotsi le tse dingwe dikgang tsa borukutlhi.

Ka jalo, o ne  a  gwetlha segolo banana go  dibela serodumo sa bone gore ba seka ba amanngwa le tse di sa itumediseng ka dinako tsotlhe mo setshabeng.

O  ne a ba rotloetsa go ikatumetsa kwa dikerekeng, go thusiwa ka thuto  ya lefoko la Modimo go ka fetola matshelo a bone go nna a a nang le bokao mo setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : HUKUNTSI

Event : Phuthego

Date : 10 Mar 2022