Breaking News

Ba kopa khansele go tsibogela tsa botsogo

10 Mar 2022

Makhanselara a legare ba re ba tshwenngwa ke ditlamelo tsa botsogo kwa dikgaolwaneng tsa bone tse ba reng ga di mo seemong sese siameng.

Ba supile se jaaka fa ba ne ba akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele ya legare, Rre Ketshwereng Galeragw fa a e bula phuthego ya khansele semmuso mo bekeng e e fetileng.

Mokhanselara wa Mmadikola/ Xhumo, Rre Basiami Sentsho o ne a supa fa go na le dilo tse dintsi tse di saletseng kwa morago mo go tsa botsogo ka jalo di tlhokana le go elwa tlhoko le go tsibogelwa.

A re go supafetse mo pegong ya badupi ba dibuka ya ngwaga wa 2020 ka Mopitlo fa go na le metshine mengwe mo dikokelong tsa kgaolo ya legare e e saleng e rekilwe mme e sa dirisiwe ntateng ya gore bodiredi ga bo a rutuntshiwa go e dirisa.

O supile fa kwa go felwang teng dipilisi kwa sepateleng sa Mahalapye go na le motshine o o bitswang elamina airflow o o saleng o rekilwe ka ngwaga wa 2010 mme o ise o dirisiwe ntateng ya gore bodiredi ga bo ise bo rutuntshiwe go o dirisa.

Rre Sentsho o tsweletse a re le kwa sepateleng sa Sekgoma Memorial mo Serowe go na le motshine o o balang masole a mmele (CD4 count) o o rekilweng ka madi a selekanyo sa P273 000 mme le one o se mo tirisong ntateng ya bodiredi jo bo iseng bo rutuntshiwe go o dirisa.

A re le kwa kokelong ya Nyangagwe e bontsi jwa balwetsi ba romelwang teng go supafetse fa go na le motshine o o bitswang aspiration system machine o o jeleng madi a a kanang ka P10 million mme pego ya badupi ba dibuka e supa fa o ise o dirisiwe ntateng ya bodiredi jo bo iseng bo rutuntshiwe go o dirisa.

Ka jalo Rre Sentsho o ne a kopa modulasetilo wa khansele ya legare go tlhodumela dikantoro tsa botsogo tse di mo kgaolong ya gagwe ka dikgang tse di raya sengwe mo botsogong jwa setshaba.

Mokhanselara wa Mahalapye Borwa, Mme Abigail Mogalakwe o ne a ngongorega ka kokelo ya Mahalapye a supa fa e sa ntshe ditlamelo fela jaaka e tshwanetse ntateng ya tlhaelo ya didirisiwa, bodiredi bogolo jang dingaka tse di faphegileng le melemo ka go farologana ga yone.

Mme Mogalakwe o supile fa kwa motseng wa Mahalapye go na le matshwenyego a dikokelwana tse di sa tswalweng tse ba supileng fa di sa lekana ka jalo go tlhokana le gore di okediwe ka motse o setse o le motona.

Mokhanselara wa Moiyabana, Rre Phirinyane Orakanye o ne kopa modulasetilo wa khansele ya legare go tsibogela kokelwana ya motse wa Moiyabana ka e se mo seemong se se siameng.

 A re kokelwana eo e tlhokana le dipaakanyo tse di tseneletseng ka baitseanape ba dikanoko ba supile fa e sa siamela go ka dirisiwa mme e tsweletse e dirisiwa.

Rre Orakanye a re ditirelo dingwe tse di bonwang kwa kokelwaneng jaaka go kala bana di felela di direlwa kwa ntle ntateng ya seemo se mme e re seemo sa loapi se sa iketle go direlwe mo teng ntswa go le borai.

A re mo bokopanong jwa khansele e potlana e e fetileng o ne a ntsha matshwenyego a, ga ba ga etelwa teng mme ga seka ga nna nko e e tswang lemina.

Le fa go ntse jalo mokhanselara wa Dimajwe, Rre Elija Masedi o ne a kopa khansele go dira dithulaganyo tsa gore tsela ya Dimajwe e gopiwe ka e na le dingwaga di le masome a mabedi e sa dirwe sepe.

A re tsela eo e mo seemong se se sa siamang bogolo jang ka di nako tsa dipula. BOKHUTLHO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 10 Mar 2022