Breaking News

Bomme ba rotloediwa go emana nokeng

10 Mar 2022

Bomme ba rotloeditswe go emana nokeng gore ba kgone go tlhabolola matshelo a bone.

Go kgona go itshetsa go ka ba ntsha le mo dikgwetlhong tsa kgokgontsho, ka bontsi jwa nako, bomme ba itshokela lerato le le tletseng kgokgontsho, bogolo jang ka go nna mo malwapeng le borre ba sa nyalana.

Se se builwe ka Labobedi ke Kgosi Tsietsego Molefi fa a amogela ba  ba neng ba tsene moletlo wa go ipelela Letsatsi la Mafatshefatshe la Bomme kwa Mosolotshane.

“A e re re tsaya tshwetso ya go nna mmogo, re le baratani a bo re dira jalo re kopantswe semmuso ka fa molaong, mo lenyalong,” ga bua Kgosi Molefi.

Kgosi Molefi a re letsatsi le, le fa bomme sebaka sa go ipelela dikatlego tsa bone, go itshekatsheka le go buisana ka dikgwetlho tse di ba lebanyeng gore le gone gore go ya pele, ba ka di rarabolola jang.

A re go botlhokwa gore bomme ba ba itshetsang ka dikgwebo tse dipotlana le ditiro tsa diatla ba rotloetsane ka go ipopaganya gore ba kgone go kopa mananeo a puso ka lentswe le le lengwe.

O kopile banni go ema bagwebi ba motse wa bone nokeng ka go reka mo dikgwebong tsa bone.

Go dira jalo, a re go ka thusa go tlhama mebereko gammogo le go tlhabolola motse wa Mosolotshane. A gatelela a re dikgwebo tse di potlana di na le seabe se se tona mo go godiseng itsholelo ya lefatshe.

Mo go tse dingwe, Kgosi o kgadile seemo se se tshwenyang sa dipalo tse di tsweletseng ka go golela pele tsa kgokgontsho ya bong, e amang thata bomme le bana ba basetsana.

Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi le, Mogolwane wa Lephata la Bong, Mme Baleseng Marumo o tlhalositse fa bomme le borre ba tshwanetse ba akola meamuso le mananeo a puso ka go lekalekana.

“Tekatekano e go buiwang ka yone e, e tshwanetse ya nna e tlisang kagiso mo malapeng kgotsa mo matshelong a rona e seng e bakang kgotlhang. Go tshwanetse ga nna le tekatekano ya bong le fa go tsewa ditshwetso, gore go seka ga nna le ope yo gatelelang yo mongwe,” Mme Marumo. a tlhalosa.

Ka bomme ba le dipalo dintsi go feta borre ka tlholego, Mme Marumo o rotloeditse bomme go dirisa dipalo tsa bone sentle gore di ba sologele molemo ka go dirisana mmogo ka popagano. Tshwaragano e, a re e ka thusa bomme go amogana maele a go tlhabolola matshelo a bone.

“Letsatsi le, le bomme  fa sebaka sa go  kopane itshekatsheka le gore ba ka rarabolola jang dikgwetlho tsa bone, bogolo jang ba ba  itshetsang ka dikgwebo tse di potlana le ditiro tsa diatla ka go farologana,” ga bua Mme Marumo.

Bontsi jwa bomme, a re ga ba na lefatshe, ka jalo ga ba kgone go akola mananeo mangwe a puso a tlhokang gore motho a bo a na le lefatshe.

“Mme, fa le ka ikokoanya ka ditlhopha go ya ka dikgwebo tse le di dirang kgotsa ditiro tsa diatla tse le di dirang, go ka nna motlhofo gore le bone thotloetso le thuso ka le tlaabo le bua ka lentswe le le lengwe,” a tlatsa.   Mogwebi kwa Mosolotshane, Mme Kedisaletse Mathoma wa marekisetso a nama le nnotagi Tshimologo Butchery and Bar, o rotloeditse bomme go nna dipelotelele mo kgwebong le go tsaya malebela mo bagwebing ba bangwe gore ba kgone go itlhabolola.

“Bomme, kgwebo e batla bopelotelele, le seka la itlhoboga fa le le mo kgwebong. Gape e batla o nna le dibuka tsa kgwebo gore o seka wa jela letseno mo ganong, ka ke lone le le thusang go e tsamaisa gore e seka ya phutlhama,” ga gakolola Mme Mathoma.

Le ntswa a ise a rotloediwe ka lenaneo lepe la puso, Mme Mathoma o tlhalositse fa go simolola kgwebo ya gagwe go ne go se motlhofo, ka a simolotse ka semausu mo lapeng go fitlhela a atlega a ikagela marekisetso a gagwe a Tshimologo Butchery and Bar.

Fa ba akgela, bangwe ba bomme ba ba itshetsang ka dikgwebo tse dipotlana, e bong Mme Caroline Sebaetseng le Mme Gotsemodimo Motlhankawamodimo ba supile ngongorego ka go tlhoka thotloetso mo dikgwebong tsa bone, ga banni ba Mosolotshane.

Mo godimo ga moo, Mme Sebaetseng le Mme Motlhankawamodimo ba supile fa ba iteka, e le bomme ba Mosolotshane, mme ba tlhaela thuto ya go dira dibuka tsa go tsamaisa dikgwebo tsa bone. BOKHUTLHO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MOSOLOTSHANE

Event : Moletlo wa go ipelela Letsatsi la Mafatshefatshe la Bomme

Date : 10 Mar 2022