Lemogang baratani ba bong jo bo tshwanang
09 Mar 2022
Mme Matshwenyego Moatshe wa lekgotla la Lesbians, Gays and Bisexuals of Botswana (LEGABIBO) a re dipalo tse dintsi tsa tlhalo mo lefatsheng la
Botswana di bakwa ke go tlhoka go lemogwa ga batho ba ba ratanang ka bong jo bo tshwanang.
O boleletse lekoko le le romilweng ke Tautona go sekaseka molao-motheo fa bontsi jwa batho ba tsena mo manyalong a go leng monna le mosadi ka lebaka la kgatelelo e e tswang mo setshabeng, mme ba leka go kgotsofatsa dikeletso tsa setshaba.
A re ka jalo molao-motheo o tshwanetse wa tsepama mme wa lemoga batho ba ba ratanang ka bong jo bo tshwanang.
A re go utlwisa botlhoko gore batho ba go nna jalo ba sotlwe ebe ba kgobotlediwe ka dipuo ke morafe le gone kwa kerekeng tota.
Mme Maipelo Rakereng wa mokgatlho wa Sexual, Reproductive and Health Rights o ne a iteelela kobo moroko mafoko a ga Mme Moatshe. O ne gape a kopa gore molao o letle ope fela yo o batlang go senya mpa go dira jalo ka ele tshwanelo ya gagwe.
A re tumelo ya sekeresete ga e a tshwanela go dirisiwa go nna kgatlhanong kgotsa go ngotla ditshwanelo tsa batho ba bangwe.
E ne e rile gole pele Moruti Michael Motswakadikgwa wa ekgotla la baruti mo motseng wa Mochudi a kopa gore molao-motheo o seka wa iphitlhela o letlelela batho ba ba ratang ka bong bo le bongwefela mo lefatsheng la Botswana.
A re go dira jalo go tlaa bo go le kgatlhanong le Ngwao ya Setswana ga mmogo le thulaganyo ya Sekeretse; dilo tse a rileng lefatshe la Botswana le agetswe mo go tsone.
O boletse gape fa go le botlhokwa gore tshwanelo ya tumelo, tumedi le kobamelo di kwalwe mo molao-motheong gore batho ba sosologe mo tumelong tsa bone.
Rre Mosweu Pilane yo e leng moemedi wa lekgotla la Balemi la Kgatleng ene o ne a ngongorega thata ka kemonokeng e mekgatlho ya dikoporase e e neelwang ke puso a re ga e a lekana.
A re nako e gorogile jaanong ya gore molao-motheo o patike puso go thusa mekgatlho e tshwana le dikoporase go fitlhela e fatlhoga ka boammaaruri.
Mo godimo ga moo, Rre Mosweu o ne a kopa gore molao wa lefatshe la Botswana o pateletse motho mongwe le mongwe go dirisa lefatshe la temo thuo go ntsha dijo ka dinako tsotlhe.
A re molao-motheo o tshwanetse wa pateletsa ope fela yo o sa lemeng go hirisetsa balemi ba bangwe masimo gore go nne le dijo.
O boletse gape fa go le botlhokwa gore molao-motheo o sireletse lefatshe gore le seka la felela mo diatleng tsa Batswana ba e seng ba sekei.
Go ya ka ene, molao o tshwanetse wa dira gotlhe go bona gore lefatshe ga le tswe mo diatleng tsa Batswana.
Rre Bathusi Lesolobe wa Masika Trust ene o ne a supa fa a eletsa gore boratoropo le badulasetilo tsa dikhansele ba nne ba tlhophiwe fela jaaka go dirwa ka mapalmente le makhanselara.
O ne gape a re molao-motheo o tshwanetse wa lemoga Basarwa jaaka batho ba ntlha ba lefatshe la Botswana.
Sebui se sengwe, Rre Tsholofelo Phalalo yo a neng a bua mo boemong ja motse wa Mokatse ene o ne a re molao-motheo o tshwanetse wa pateletsa baeteledipele ba morafe go tsamaisa dipuisanyo tsa bone le morafe ka puo ya Setswana gore Batswana ba ba tstlhaloganye.
O ne gape a re nako e gorogile gore go similodisiwe makgotla a a tlhomamisang matsalo (Paternity courts) le gore setshaba se patikiwe ka molao go tlhatlhobelwa DNA.
A re se seka thusa go rarabolola dikgetse tse go fitlhelwang go nganganwa gore rangwana ke mang le go thusa mo go lwantsheng borukutlhi jo bo apesitseng setshaba kobo ka letshoba.
Rre Chirwa Matlhoko wa Stepping Stone International o ne a kopa gore dikgang tsotlhe tse di amanang le tlhokomelo le tshireletsego ya bana di tshwanetse tsa sirelediwa ke molao-motheo.
A re go ngomola pelo gore e be go santse go na le bana ba ba nyalwang mo lefatsheng leno.
Rre Matlhoko o kaile gape fa go le botlhokwa gore boleng jwa palamente le serodumo sa di sirelediwe ka fa molaong.
A re ka jalo go tshwanetse ga tlhongwa ditsetlana tsa boitshwaro jo bo rileng tse ka tsone go ka tsamaisiwang palamente.
O gakolotse gape gore puo e e dirisiwang mo molao-motheong e nne e e motlhofo, e le motlhofo go bonwa ebile e le bukana e motho a kgonang go e tsenya mo pateng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : MOCHUDI
Event : Tshekatsheko ya molaomotheo
Date : 09 Mar 2022