Breaking News

Tshekoetsile o ipela ka boithaopo

09 Mar 2022

Mme Mmadibotlolo Tshekoetsile, wa dingwaga tse di masome a le boferabobedi (80) wa motse wa Lotlhakane o ipelafatsa ka seabe sa gagwe mo thutong ya lefatshe leno go tswa bogologolong.

Motlhala wa gagwe wa go ithaopela thuto-ga-e golelwe o ne wa thusa go aga dikole di tshwana le Mosamowakwena, Phutisutlha, Lotlhakane le Maraka.

Mo potsolotsong bosheng, Mme Tshekoetsile o ne a supa fa a le motlotlo go bo a nnile le seabe go ruta bana le go godisa thuto mo lefatsheng leno.

A re o simolotse tiro ya boithaopo morago ga go fetsa lekwalo lwa bone ka ngwaga wa 1960, mme a ithaopela go ruta bana ba dingwaga tse di lesome le bobedi ba ba neng ba sa letlelelwe go tsena sekole gotwe ba godile.

“Ke ne ke tlhomoga pelo ke bona bana ba kobilwe gotwe ba fetile dingwaga tsa sekole. Ka nako eo dikole di ne di le kwa Kanye le Molapowabojang fela, ka jalo ka ithaopela go ruta bana mo Mosamowakwena.

Ke simolotse ka palo e e kwa tlase, ke rutela ka fa tlase ga setlhare mme ya gola nako e ntse e tsamaya.”

Erile go bona fa tiro ya gagwe e ntsha maduo, batsadi ba simolola go isa bana kwa go ene, le ba dingwaga tse di kwa tlase. Ka yone kgolo e, a simolola go bereka le baithaopi ba bangwe ba le barataro mme ba ikgaogantse ka dithuto tsa Geography, History, Setswana, Sekgoa, Dipalo le go tshwantsha.Ka botshelo bo ne bo le bonolo ka nako eo, batsadi ba ne ba leboga barutabana ka dipula di le (P3) kana ba neelwa podi ba e kgaogana.  

O tlhalosa gore e ne e re bana ba fetsa dithuto kwa go ene a ba a ba direla mokwalo o o ba supelang go tswelela ba tsenelela ditlhatlhobo kwa dikoleng tsa puso.

A re o ipelafatsa go bo a alositse barutegi ba bantsi, bangwe ba bone ele barutabana ba ba tsweletseng ka go dira bontle mo tirong ya bone.

Le fa go ntse jalo, Mme Tshekoetsile o supile fa thulaganyo eo ya boithaopo e ne ya amega fa dikole tsa puso di ntse di oketsega, mme baithaopi ba kgaphelwa ntle.

Mo bogompienong, a re o tsweledisa mowa oo ka go ithaopa go thusa dikomiti tse di farologanyeng tsa motse wa Lotlhakane le go gakolola fa ba tlhokang thuso teng.

Go ya ka boitemogelo jwa gagwe, a re maduo a thuto a wetse tlase mo malatsing a gompieno ka gore bana ba kgobokanyediwa dithuto tse dintsi mme di ba fekeetse.

 “Rona re ne re kgaogantse dithuto ka malatsi, bana ba gompieno ba rutwa dithuto di ferabobedi ka nako ele nngwe mme go a ba imela ke sone se maduo a welang tlase. A bana ba seka ba neelwa tiro go sena yo o ba gakololang gore ba tlhaloganye se ba se kwalang,” ga gakolola Mme Tshekoetsile.

E re ntswa a leboga morafe wa Lotlhakane Botlhaba go bo ba kile ba mo tlhopha mokhanselara mo dingwageng tse di fetileng, o supile fa a le bete se molangwana gore puso ga e mo atswe ka sepe go lemoga seabe sa gagwe mo thutong le mo ditlhabololong tsa motse ka bophara.

“Nna ke kopa hela gore rona re le baithaopi ba bogologolo re agelwe matlo a re ka a hirisang go itshetsa.” BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : LOTLHAKANE

Event : Potsolotso

Date : 09 Mar 2022