Mapodisi a Kang a mo patlong ya monna
09 Mar 2022
Mapodisi a Kang a mo patlong ya ga Rre Keaorata Khomata yo o tlholegang kwa kgotleng ya Legare kwa motseng wa Inalegolo, morago ga go timela kgwedi e e fetileng.
Mo puisanong le BOPA, mookamela mapodisi a Kang, Superintendent Elias Magosi o tlhalositse fa Rre Khomata yo o dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le boraro go ya kwa go masome a mararo le bongwe, a bonwe labofelo kgwedi e fetileng e le malatsi a le masome a mabedi le boferabobedi.
A re Rre Khomata, o bonwe labofelo a apere borokgwe jo bo khutshwane jo bontsho, diphathaphatha le sekipa se se nang le ditsela tse di mmala wa lephutshe.
A re e le ba sepodisi ba ne ba bolotsa letsholo ba tshwaragane le morafe mme ka maswabi maiteko a bone a ne a itaya sefololetse. Ramapodisi ka jalo, o gwetlhile banni ba metse e mo tikologong le kgaolo ya Kgalagadi Bokone ka kakaretso go ba thusa ka ditsela dipe fela tse di ka ba thusang go bona Rre Khomata.
O ne a tlatsa ka gore Rre Khomata o na le bolwetsi jwa tlhaloganyo ka jalo a kopa setshaba go itshwaraganya le mapodise a Kang mo mogaleng wa 6517051/ 999 kana go ikgologanya le mapodisi a mo tikologong fa ba ka mmona golo gongwe .
Supt Magosi o tlhalositse fa e le kgetsi ya bone ya ntlha ya motho yo o timetseng go ka gatisiwa mo sephatlong sa ngwaga ono.
Mo go tse dingwe, o ne a gwetlha setshaba go nna kelelelo le batho ba ba tshelang ka bolwetsi jwa tlhaloganyo gore ga ba tsamaele kgakala le malwapa a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : Puisanyo
Date : 09 Mar 2022