Breaking News

Ba abela ba-na-le bogole

09 Mar 2022

Ba komiti ya ba-na-le bogole mo Letlhakeng ba abetse ba-na-le bogole ba sekole se sebotlana sa Gothibamang bolao, materase a le mane le dikobo di robabongwe ka Labobedi.

Mothusa mogokgo wa sekolo seo, Mme Matshidiso Tese o supile fa sekole se na le bana ba ba-na-le bogole ba le batlhano mme ebile ba na le ntlwana ya borutelo e e agilweng ka ngwaga wa 2019 e ba simolotseng go e dirisa ka ngwaga wa 2020.

Mothusa mogokgo o ne a tlhalosa fa ba na le morutabana yoo rutetsweng go ruta ba-na-le bogole mme kgwetlho e tona ele gobo ba sena didirisiwa tse ba di dirisang go ruta bana bao.

Fa a bua ka maikaelelo a tiro eo, mothusa molaodi wa kgaolo, Mme Kelebileone Mogome o kaile fa ba ne ba etela sekole sa Gothibamang e le ba komiti ya ba-na-le bogole kwa ba fitlhetseng go sena se ba se dirisang.

O supile fa go ne go le mo mpepeneneng fa bana bao ba tlhoka dikobo le materase ka jaana bangwe ba bone ba tsamayang ka dikolotsana tse di ba lapisang mme ba batla go ikhutsa mo tsamaong ya nako.

O tlhalositse fa ba ne ba ya go koleka e le komiti, ba kopa boradikgwebo go ba thusa mme ba felela ba reka tsone dimpho tseo.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto mo Letlhakeng, Rre Mokwadi Tese o tlhalositse fa puso e sa batle ngwana ope a salela kwa morago mo thutong go balelwa le ba-na-le bogole. O supile fa le molao wa bana o tlhalosa fa ngwana a na le tshwanelo ya go rutwa.

O ne a lebogela tshwaragano ya barutabana, batsadi, kgosi, ba boipelego le ba VDC go busetsa bana kwa sekolong le go upolola  ba ba neng ba beilwe ka kwa mahure.

A re ba-na-le bogole le bone ba ka ba thusa ka go ba bolelela kwa bangwe ka bone ba fitlhilweng teng basa tsene dikolo fa baka ba botsa. Rre Tese a re fa o batla go segofala o direle ngwana sentle. A rego tlisa lerato go gaisa go tlisa dithoto.

O kopile barutabana go nosetsa lerato mo baneng ka se se ka fokotsa go tshaba sekole ga bone.

Rre Tese o ne a supa fa batho ba ba nang le lerato ba kganya a bo a tlhalosa fa lerato le fodisa.

Kgosi Lebolela Radimpa, wa kgotla ya Mokwele mo Letlhakeng o ne a leboga ba ofisi ya ba-na-le bogole go etela sekolo seo, a supa fa se se tlisitse maduo ka ba setse ba bonye morutabana wa ba-na-le bogole le dithuso tse ba di ba reketseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Kabo dimpho

Date : 09 Mar 2022