Breaking News

Ba farologana ka megopolo mabapi le go tlhophiwa ga ga Tautona

08 Mar 2022

Mogopolo wa gore tsamaiso ya ditlhopho e fetolwe go letla gore Tautona a itlhophelwe e gwetlhile maikutlo a a farologanyeng mo banning ba motse wa Tlhareseleele.

Kwa phuthegong e e neng e tshwerwe ke lekoko le le romilweng ke Tautona go etelela pele tshekatsheko ya molao-motheo, banni bangwe ba ne ba itsese lekoko fa tsamaiso ya nako eno e ka yone

Tautona a tsewang mo phathing e e nang le palo e e kwa godimo ya mapalamente e siame ebile e berekela lefatshe leno.

Rre Peach Mooketsane o ne a tlhalosa fa go sa tlhokafale gore tsamaiso eo e fetolwe ka go dira jalo go ka kgotlela kagiso ya lefatshe la Botswana ga ba ga dia kgatelopele ya lone.

A re go fapaana ga babusi ka megopolo ya sepolotiki tebang le tsela e lefatshe le tshwanetseng la e sala morago go ka ba paledisa tiro mme seo sa kgoreletsa Tautona go diragatsa ditoro tse a nang le tsone ka setŝhaba sa lefatshe leno.

O tlhalositse gore kwa mafatsheng a go itlhophelwang tautona ka tlhamalalo go a tle go diragale gore tautona a retelelwe ke go tsaa ditshwetso tse di tlhokang kemo-nokeng ya palamente fa palo e ntsi ya mapalamente e le ya ba diphathi di sele.

Fa a iteela mafoko ao moroko, monni yo mongwe Rre Phakiso Mmasa o ne a tshwantshanya go itlhophela Tautona ka tlhamalalo le go tlola koi ka kagiso ya lefatshe la Botswana, a tlhalosa fa go tsaya tsela eo go ka bakela tŝhaba ya Botswana tlhoko iketlo.

Go sale foo, Rre Mmasa o ne a ganana le mogopolo wa gore molao-motheo o letlelele nyalo ya bong bo le bongwe.

A re e re ka bontsi mo t ŝhabeng bo ikamanya le tumelo ya Sekeresete, go letlelela batho ba bong jo bo tshwanang go nyalana go tlaa bo go le kgatlhanong le molao wa Modimo ebile go tsuolola thulaganyo ya tlholego ya lenyalo.

Fa a bua mo boemong jwa banni ba metse ya Pitsane le Pitsane-Photlhokwe Mme Modiegi Seleka o ne a rola mogopolo wa gore Tautona a ithophelwe go tsamaalana le jaaka go dirwa kwa mafatsheng a mangwe.

O ne a bolela fa seo se ka nonotsha puso ya batho ka batho ga ba ga naya Tautona boikarabelo jo bogolo mo setshabeng.

Monni yo mongwe wa Pitsane Rre Bernard Motlhabane le ene o ne a gatelela kgang eo, a supa fa go itlhophela Tautona ka tlhamalalo go le maleba mo metlheng eno.

Mo dikgannyeng di sele, Mme Joyce Tsikaa o ne a kopa gore dirukutlhi di gagamalediwe dikotlhao, seo e le tsela ya go sireletsa badirelwamolato.

Mme Tsikaa yo a supileng fa a ne a amogiwa leruo la gagwe ka dikgoka mme morago a tlhaselwa a ba a gobadiwa ke selalome seo, o tlhaloseditse lekoko fa a sa sireletsega ebile a tshela ka poifo ya gore e tlaa re motlhang selalome seo se gololwang kwa kgolegelong, se fete se mo gapele botshelo.

E ntse e le mo go tsa borukutlhi, Rre Thabo Mohlomi o ne a kopa gore ba sepodisi ba fiwe didirisiwa tse di maleba ebile di lekane gore ba tle ba kgone go itepatepanya le koketsego ya ditiragalo tsa tlolo-molao.

Rre Mohlomi o boleletse lekoko fa borukutlhi bo gola ebile bo nna mathaithai mme seo se tlama gore sepodisi se nonotshiwe gore se kgone go dira tiro ya sone ka mo nametsang.

Mo go tsa kgokgontsho ya bong, monni yoo o ne a ngongorega gore maiteko a go nyeletsa bosula joo a gogela kobo thata kwa go bomme mme a ikgatholosa tshotlakako e borre le bone ba e itemogelang.

A re seemo seo se tshwanetse sa tsibogelwa ka ponyo ya leitlho gore ditshwanelo tsa borre le tsone di dibelwe.

Rre Sello Motseko ene o ngongoregile ka go tlolwa ga molelwane mo go seng ka fa molaong mo metseng ya kgaolo ya Barolong e e samileng terata ya molelwane wa mafatshe a Botswana le Aforika Borwa.

A re kwa motseng wa gaabo wa Tlhareseleele terata ya molelwane e tlolwa jaaka koi, seemo se a kaileng fa se bifisa kgolo ya borukutlhi mo motseng.

Rre Motseko o ne a ntsha mogopolo wa gore fa motho a ka tshwarwa a tlola molelwane e se ka fa molaong makgetho a a rileng, a latlhelwe mo kgolegelong botshelo jotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : TLHARESELEELE

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 08 Mar 2022