Breaking News

VDC ya Mabudutsa e abela balwetsi

08 Mar 2022

Komiti ya Ditlhabololo tsa motse ya Mabudutsa mo Maun e abetse balwetse ba ba okelwang mo lwapeng ditlamelo tse di tla ba thusang mo tlhokomelong e e haphegileng.

 Fa a bua kwa kabong ya dimpho tse di akaretsang melora, metseto le mashi,  modulasetilo wa komiti e Mme Mapega Khutjwe o tlhalositse fa ba lemogile fa go na le letlhoko le le ntsi la metseto (disposable nappies) a tlatsa ka gore ebile di turela ba ba di dirisang.

O boletse fa dikokelwana tsa mo motseng di babalelwa ke go reka metseto ya balwetse ka jalo ba bone go le botlhokwa go ba imolola morwalo.

Mme Khutjwe a re ba komiti ya VDC ba ikaelela go thusa batlhoki ka go ba abela dimpho ngwaga le ngwaga se ele go diragatsa maiteko a bone a go direla setshaba.

O ne a leboga komiti ya gagwe go bo ba butse dipelo tsa bone le go amogela mogopolo wa go abela balwetse.Modiri wa tsa botsogo kwa sepatela se se tona sa Letsholathebe Mme Boitshwarelo Bailelwang o akgotse komiti e go bo ba dirile tiro e e molemo ka go abela balwetse e bile a rotloetsa mowa o montle o baa o supileng.

Mme Bailelwang o supile fa go aba e le selo se se bokete mo nakong ya gompieno ka ntlha ya itsholelo e e sa iketang ee bakilweng ke bolwetse jwa COVID-19.

O buile fa balwetsi ba ba tlhokomelwang kwa lwapeng ba tlhoka tlhokomelo e haphegileng go tlhomamisa gore ga ba tsenwe ke malwetse a mangwe aa ka bakiwang ke go tlhoka tlhokomelo.

Mokhanselara wa kgotla ya Kgosing-Kubung Rre Tswelelo Sebati o ne a akgolela ba komoti ya ditlhabololo ya Mabudusta tiro e ba e dirileng.

A re ka ntlha ya bolwetse jwa COVID-19 ga go motlhofo go lekola balwetse mo malwapeng ka mabaka a go itsa go anama ga mogare, ka jalo a re o itumelela ba komiti go bo ba sa ipona tsapa go tswelela ba thusa batlhoki.

O ne a kgothatsa komiti e go tshegetsa botsalano jwa bone le dikompone tse di ikemetseng gore ba kgone go ba thusa fa ba tlhaelelwa.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : MAUN

Event : Kabo dimpho

Date : 08 Mar 2022