Breaking News

Bomme ba ngongoregela go sa abelwa ditiro

08 Mar 2022

Bomme ba kgaolo ya Chobe ba ngongorega ka go sa abelwa ditiro tsa puso ke maphata mangwe a puso mme se se ba baya ka fa mosing.

Se se builwe ke mogwebi, Mme Grace Nare wa kompone ya Millenium Granite kwa thuto seka dipuisano ya bagwebi ba bo mme e e neng e tshwaretswe mo Kasane mo bosheng.

Mme Nare are dikgwebo tsa bo mme di ka atlega fela thata fa goromente a ka ba akanyetsa fa go setswe go abiwa ditiro.

O tlhalositse fa khansele le yone e sa ba rotloetse mo go lekaneng. Are khansele e ka mpa ya thapa mogwebi yo o ko ntle ga kgaolo go na le bone.

E rile fa a tswa la gagwe, Mme Julia Kwele wa kompone ya ULIK a re o itumelela se se dirilweng ke ba Gender Affairs ka go lemoga bokgoni jwa gagwe jwa go roka. A re o sale a ikwadisitse ko lephateng la Metshameko le Ngwao ka ngwaga wa 2014 mme a tsenelela dikgaisano tsa go roka, ka jalo a tsaya maemo a ntlha ka ngwaga wa 2014 le 2015 mme yare ka ngwaga wa 2016 a isiwa China.

Are ba Local Entreprise Authority (LEA) le bone ba nnile le seabe mo kgolong ya gagwe ka ba ne ba mo rotloetsa go kwadisa kompone.

Mme Nare o supile fa kgwebo e batla bopelotelele mme ebile  mogwebi o tshwanetse a itse tiro ya gago le bareki ba gago. A re ka kgwebo ya gagwe o kgonne go ikagela ntlo.

Mme Masego Phuthego, wa Mash Mash’s Catering kwa Kazungula, a re kgwebo e teng mme ebile ga e yo.

A re ba bolawa thata ke bagwebi ba bangwe ba ba rekisetsang ka fa tlase ga ditlhare.

O tlhalositse fa nngwe ya dikgwetlho ele go tlhoka madi a itshireletso fa motho a ka tlhagogelwa ke mathata a bolwetsi kana go ipatlela mmueledi fa ana le dikgang ko kgotla tshekelong.

O kgothaditse ba bangwe go tswelela ba iteka le fa go ka nna thata jang.

Emily Phiri, wa The Colour Wheel Day Care Centre, are o ne a tsaya madi a Youth Development Fund (YDF) mme a simolola go bula sekolo sa gagwe ka 2020. A re maitlamo a gagwe a go ka nna le Day Care Centre e ne e le go tsaya early childhood mo Botswana a e isa godimo.

O kaile fa a simolotse ka bana ba le supa mme e rile mo kgweding tse tharo sekolo sa gagwe sa tlala. Mme Phiri a re o ile a kgona go duela madi a a tsereng kwa YDF mo nakong e khutshwane.

A re le ntswa sekolo se butse ka nako e thata ya segajaja sa covid-19 ene o ne a seka a amega thata.

O rotloeditse bagwebi ba bangwe go dira dikgwebo tse ba di tlhaloganyang mme ebile ba tshwanetse go nna le bo mankge ba ba ithutetseng dikgwebo tsa teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kabelo Segafi

Location : KASANE

Event : Polelo

Date : 08 Mar 2022