Ba batla puso e tlhokomela batlhokomedi
07 Mar 2022
Mme Queen Maiketso wa motse wa Mabule a re e re ntswa puso e leka ka gotlhe go tlhokomela ba-na-le-bogole, go botlhokwa fela thata gore batlhokomedi ba batho baba tshelang ka bogole le bone ba akarediwe mo mananeong a itshetso.
Mme Maiketso yo e leng mogokaganyi wa Bosabosele Disability Association, o boleletse lekoko la tshekatsheko molao motheo ha le ne le etsetse kwa motseng wa Mabule maabane gore ga go a lekana go thusa ba-na-le-bogole ka mananeo ba le bosi mme go kgaphelwe kwa ntle ba ba ba thusang letsatsi le letsatsi.
A re batho ba go nna jalo ba felela ba sa itirela sepe mo botshelong ka lebaka la gore nako e ntsi ba ba a bo ba tlhokometse ba-na-le-bogole.
Ka moo, a re molao-motheo o tshwanetse wa patika puso go bona gore batlhokomedi ba go nna jalo le bone ba amogela dithuso tsa mananeo ka go farologana.
Mme Maiketso o tlhalositse fa nako jaanong e gorogile gore lefatshe la Botswana le nne le molao o o haphegileng wa bana-le-bogole (disability act) o a reng o tshwanetse wa itebaganya le dikgang tsotlhe tsa ba-na-le-bogole.
A re ba-na-le-bogole fela jaaka modiri mongwe le mongwe ba tshwanetse go bonwa ba tlhatloga le maemo mo ditirong tse di faroganyeng ebile ba tshwanetse go lemogwa bokgoni jwa bone go tswa kwa dingwageng tsa bonana.
Mme Ruth Tiro ene o ne a kopa gore go tsenngwe ka fa molaong gore merafe yotlhe ya lefatshe la Botswana e nne le matlo-a-ditso (museums) a ka o ne go ka rotloediwang go tsholetsa serodumo sa ngwao e tshwana le mmino le dikarolo tse dingwe fela jalo.
A re matlotlo a kitso ka merafe ka go farologana a felela a nyelela ka lebaka la go tlhoka tsamaiso e e ntseng jaana, selo se a reng ga se a siamela dikokomane tse di tlang.
Rre Morewantwa Papana ene o ne a farologana le bontsi, mme a kopa gore molao-motheo o tshwanetse wa neela Kgosi epe hela e e eletsang go tsena mo sepolotiking sebaka.
Rre Papana a re ke tshwanelo ya motho mongwe le mongwe go akarediwa marara, go emela ditlhotlho ha ba eletsa go dira jalo.
Go sa neeleng dikgosi tshwanelo ya go tsenelela dipolotiki go ya ka Rre Papana ke bo-setlhogo ebile ke go tsuulola tshwanelo ya bone.
O kopile gape gore molao-motheo o tshwanetse wa patika puso go ntshetsa diphathi tsa sepolotiki madi a ipapatso go hema seemo se ka sone lefatshe leno le ka tsenang mo diatleng tsa manweenwee le ditlhopha tsa dirukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : MABULE
Event : Tshekatsheko ya molaomotheo
Date : 07 Mar 2022