Kereke e abetse ba-na-le-bogole dikolotsana
07 Mar 2022
Kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion, ko Mahalapye, e abetse bana-le-bogole ba le bararo dikolotsana.
Fa a bua, mo boemong jwa Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere, Mokhanselara wa kgaolwana ya Mahalapye Bokone, Mme Julia Miranda o supile fa se kereke ya Head Mountain e se dirileng e le sone sesupo sa tumelo le gore e eme puso nokeng mo go tlhabololeng matshelo a bana-le-bogole.
Mme Miranda a re go a itumedisa go bo kereke ya Head Mountain e bone go le botlhokwa gore e nne le seabe mo go tlhabololeng matshelo a setshaba, bogolo jang mo nakong e piso e lebanweng ke dikgwetlho jaaka segajaja sa COVID-19.
Fa a rola dimpho tse, Mogogi mo Head Mountain wa lekalana la Sebina, Mme Sitoboke Lesetedi o tlhalositse fa a bone go le maleba go abela Mme Kegaisamang Oabile, Mme Tshepo Katlholo le Rre Edward Boitshepo dikolotsana tsa bana-le-bogole tse di ntsha, ka tse ba ntseng ba di dirisa di le mo seemong se se sa kgatlhiseng.
Dikolotsana tse tsa bana-le-bogole, Mme Lesetedi a re kereke e kgonne go di aba ka thuso le thotloetso ya Rotary Club of Francistown.
Head Mountain, a re e abetswe dikolotsana tsa bana-le-bogole di le lesome le borobabobedi ke Roraty Club of Francistown.
Ka jalo, a re tse di setseng di tla abelwa bana-le-bogole ba bangwe ba boeteledipele jwa kereke bo setseng bo itemogetseng letlhoko la bone.
Mme Lesetedi o lebogetse tirisano mmogo ya maloko a Head Mountain ya Mahalapye ka go itshwaraganya le ene ba bo ba mo itsise ka letlhoko le le leng teng mo kgaolong ya bone, ga mmogo le go netefatsa gore kabo dimpho e e a atlega.
Mo mafokong a gagwe a malebo, Kgosana ya kgotla ya Thomadithotse, Kgosi Phillip Monang le ene o akgoletse maloko a kereke ya Head Mountain ya Mahalapye tiro e ntle e ba e diretseng Mme Oabile, Mme Katlholo le Rre Boitshepo a re se ba se dirileng se supa lorato le kutlwelobotlhoko.
“Ka thata ya Modimo a tiro e ntle e le e dirileng e, le tswelele ka go e dira. A se e nne bokao le mo dikerekeng tse dingwe gore go aba ke selo se se siameng,” ga tlatsa Kgosi Monang.
Mme Oabile, Mme Katlholo le Rre Boitshepo ba lebogetse maloko a Head Mountain dikolotsana tsa bana-le-bogole tse ba di ba abetsweng, ba supa fa di tlile go ba tokafaletsa botshelo, ka jaana tse ba ntseng ba di dirisa di ne di setse di onetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Kabo dimpho
Date : 07 Mar 2022