Tiro ya lekoko ke go phutha megopolo fela
06 Mar 2022
Modula-setilo wa lekoko le le romilweng ke Tautona go sekaseka molao-motheo Rre Maruping Dibotelo o boleletse phuthego ya kgotla kwa motseng wa Goodhope ka labotlhano gore bone ele lekoko ba romilwe go phutha megopolo ya Batswana mo tsamaisong ya molao-motheo e seng go ba bolelela se ba thwanetseng go se buwa.
A re lekoko le romilwe bogolo jang go utlwa mo setÅhabeng gore se bona molao-motheo o nonofile kgotsa o thaela fa kae.
“Rona sa rona ke go utlwa mo go lona gore le le setÅhaba sa Botswana la reng mabapi le thomo e ke e le rolelang e.”
O boletse gape fa ele bontlha bongwe jwa thomo ya lekoko go keleka gore molao-motheo o dira go le kae mo go tsipamiseng matshwenyego , matshego, dikeletso ga mmogo le boleng jwa lefatshe la
Botswana le gone gore o dira go le kae mo go tlotlomatseng le go sireletsa ditshwanelo, tekatekano, tshwaragano ya setshaba le puso ya batho ka batho .
Rre Dibotelo, o e leng Moatlhodi wa pele wa kgotla ya ditsheko o tsweletse a tlhalosa fa thomo e ba e filweng ke Tautona e akaretse go bua ka matshwenyego le dipaakanyo tse di ka tlhokegang mo tirong ya go sekaseka molao-motheo.
A re ka jalo setshaba se tshwanetse go phuthuloga go ntsha megopolo e e ka thusang mo thulaganyong ya go baakanya molao-motheo.
O tlhalositse gape fa Tautona a file lekoko dithata tsa go sekaseka metswedi epe e e ka thusang gore thulaganyo ya paakanyo molao-motheo e atlege.
A re e tlaa re morago ga go phutha megopolo, lekoko le ntshe kgakololo pele ga le soboka e be le dira pego e e feletseng e jaanong e tla neelwang Tautona pele ga kgwedi ya boipuso e fela.
“Jaanong sa lona ke go re bolelela go re le bona jang molao-motheo le lebile dintlha tse ke setseng ke di le beile pele. Le a letlelesega go re kwalela kana go re neela mokwalo fa le setse le kwadile kgotsa go romela dikakanyo tsa lona ka maranyane,”a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : GOODHOPE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 06 Mar 2022